Blogs

�di� ene ke eng?

Gantsi gore moletlo o bonale o le one tota, go tshwanetse ga nna le mongwe mogolo go tla go o etleetsa. Ka jalo, re utlwa fa kwa tirong ele ya Ghanzi, go ne ga lalediwa tona ya tsa Pereko, Rre Batshu, go ya go bula kereke eo.

Ka tota e le mogolo, a se ka a tla akga dialta fela. A tla a tshotse lengwe la segolo le a neng a le naya phuthego.

Ga twe tona o ne a kgalema ka dikereke dingwe, tse e a reng ngwaga o fela, di se ke di ntshe pego ya tsone ya madi, gore go bonwe gore a madi a phuthego a dirisiwa sentle, kana a tsaya tsela nngwe e sele. Ga twe o ne a tlhalosa fa go dira jalo e le molato, e bile dikereke tsa go nna jalo di ka felela di tswalwa, ka jaana, boemong jwa go sala molao morago, di bapa le one.

Tona a bua gape ka dingwe dikereke tse di itirelwang fela e le tsa losika tse le tsone di felelang di belaetsa gore a tota ke dikereke kgotsa ke tsa leano fela la go itirela madi. Kana Motswana o rile metlhala ya khumo mentsi e tlhoka balati. Gape a re, maano a botshelo ga a site go sita a loso. A jaanong fa e le kereke, e gogwa ke boora Barapedi fela, e se na ope gape yo o tswang ka kwa ntle, e ka se ke e belaetse gore a ke yone sentle? 

Kgang ya rona e ne ya tswelela e re, kwa tirong ele ya Ghanzi, go ne ga bolelwa fa kereke e e neng e bulwa, e le ya masome a mane le bobedi ya Spiritual Healing mono Botswana. E rile boemong jwa gore e re masome a mane le bobedi, Dikgang/Daily News, (Dikgang, Laboraro Phalane 30 2013) e e neng e le yone e begang ka tiro e, ya re kereke eo ke ya bomasome a mane le bobedi. Kgang ya rona e ne ya remelela gone fa, re re, Dikgang/Daily News ga e a bua sentle ka re dirisa ‘bo’ fa re bala metso e e kwa tlase ga lesome mme fa re bala masome gone, ‘bo’ yoo re a mo latlha. Re ne ra re Dikgang e ka bo e rile kereke ele ke ya masome a mane e seng ya bomasome a mane.

Jaanong go na le lefoko le lengwe ke le, le jaaka ‘bo,’ le dirisiwang thata fa go sa tshwanelang teng. Lefoko le le dirisiwa fa go buiwa ka malatsi a kgwedi. Ka gale pele ga tiro e tlaa dirwa, e beelwa letsatsi la gore e tlaa dirwa leng. Jaanong a re re e tlaa re ngwaga o o tlang go jewe lenyalo, Metlhala a nyala Mentsi.

Maano o utlwaletse tiro e mme ga a itse sentle gore letsatsi le e tlaa dirwang ka lone ke lefe. Maano o botsa Gaasite gore lenyalo le, le tlaa jewa leng. Go araba Maano, Gaasite a re lenyalo le tlaa jewa ka di fifteen (15) tsa April. Re bona fa go dirisitswe mafoko a Sekgoa a kopanye le a Setswana. Ga twe di fifteen (15) tsa April. Se ke sekai se e leng gore se teng, se a tshela. Batho ba bua jalo, Seromamowa le Btv le tsone di bua jalo. Potso jaanong ke gore tota ‘di’ ke eng?  Ka ‘di’ yo, go tewa eng?

Ka Setswana fa go twe ‘di’ go buiwa ka dilo tse dintsi. Sekai ke gore fa re re, di ile ditau, re raya di le pedi, tharo, kana palo nngwe e e kayang bontsi. Jaanong fa e re re bua ka malatsi a kgwedi re bo re re di fifteen, di fifteen tseo, di kae mo kgweding, ke dife? A di tlhalosiwe re di itse.

Bothata jo bo leng teng ke gore re na le go bua Setswana re se kopanya le Sekgoa le fa tota e leng gore Setswana se teng, re ka tlhamalala ra se bua, ga utlwala gore ra reng. E re re ka bo re dira jalo, go bo go twe Setswana se thata, se a dikologa. Mmualebe a botse gore ke efe teme e e seng thata? Fa di se thata ke eng re di ithutha?

Go ne go sa pale sepe gore e re Gaasite a araba potso ele ya ga Maano a re, lenyalo le tlaa jewa kgwedi ya Moranang e le lesome le botlhano.

Kgotsa fa a ne a batla go bitsa kgwedi eo ka Sekgoa a re, lenyalo le tlaa jewa April e le fifteen, re itse gore fifteen o raya lesome le botlhano. Jaanong gore go twe ‘di,’ foo gone re bona re latlhega, re sa itse gore tota ‘di’ yo o raya eng. Thusa ka koo wetsho, gongwe wena o ka tlhalosa.motshwanes@yahoo.com