Blogs

Masome ga a na �bo�

Fa a le koo, tona o ne a bua ka dilo dingwe tse di fatlhang tse di dirwang ke dikereke dingwe. Ga twe o ne a re, go ya ka molao motheo, e tshwanetse gore e re fa ngwaga o fela, dikereke di ntshe pego ya tsone ya madi, go tle go bonwe gore a di ntse di goga ka fa di tshwanetseng go goga ka teng. A bua gore dingwe dikereke ga di dire jalo mme tse ke tsone di ka felelang di tswetswe ka di tlola molao.

A tswelela a re dingwe dikereke ke tse di itiretsweng ke ba losika fela mme se se belaetse gore, a tota tseo ke tsa boammaaruri kgotsa di dirilwe e le leano fela la go itirela madi.

A e le kereke tota e ka nna ya bana ba motho fela, ya se ka ya nna le bape ba ba tswang ka kwa ntle?

Fa a fetela pele, tona a kgothatsa baeteledipele ba dikereke go tshwaragana, ba dira mmogo, go tila go thubega ga dikereke. A leba ka ntlha e nngwe mme a kopa maloko a dikereke go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka seo le sone e le tshwanelo ya bone.

Ka letsholo la nyeletso lehuma le bolotse, mme le dikereke di itshetse mo go lone, tona a kopa dikereke go tswelela ka mowa wa go nna di thusa batlhoki, a re go inola Batswana mo lehumeng ga se morwalo o puso e ka o rwalang e le nosi.

Kereke ya Ghanzi ga se yone kereke ya Spiritual Healing fela mono Botswana. Tse dingwe dikereke tsa Spiritual Healing di teng mo mafelong a mangwe a lefatshe leno. Nako ele kwa Ghanzi go ne ga bolelwa fa ka palo dikereke tse tsotlhe (Spiritual Healing) mono di feta masome a mane. Dikgang/Daily News(Dikgang Laboraro Phalane 30, 2013) ya re;

‘E rile fa Rre Batshu a itebaganya le kereke ya Spiritual Healing, a tlhalosa fa kereke eo ya Ghanzi ele ya bo masome a mane le bobedi go bulwa mo lefatsheng leno.’

Diphoso dingwe ke tseo mo temaneng e re e inotseng eo.

Fela lefoko le gompieno Mmualebe a batlang go latlhela ka lone ke le le reng ‘bo masome a mane.’ Jaaka re buile fa godimo fale, ka lefoko le, go bolelwa palo ya dikereke tsa Spiriual Healing tse di setseng di agilwe mono.

Jaanong potso ke gore a re bala jalo, re re bomasome? A go siame gore re bale jalo? Mmualebe a re nnyaa, ga go balwe jalo. Ee, fa re simolola go bala, re dirisa tlhogwana ‘bo,’ re re, bongwefela/bongwe, bobedi, boraro, jalo, jalo, go fitlhelela re re boferabongwe. Fa re feta boferabongwe re latlha ‘bo’ mme re re lesome.

Jaanong a re re lesome le, le na le metso mengwe. Go tswelela pele re bala re tlaa re, lesome le bongwe, lesome le bobedi, lesome le boraro, mme re tswelele jalo go fitlha re felela kwa re felelang teng. Fa e le gore re ka ya go wela golo gongwe, ya nna masome a mabedi, a mararo, kgotsa a a kae fela, re tlaa a re masome a mabedi, masome a mararo, jalo, jalo fela go se na’bo’ mo palong eo.

Phoso e ya go dirisa ‘bo,’ go balwa masome, ga e dirwe ke Dikgang/Daily News fela. Batho bangwe le bone ba a tle ba e dire fa go balwa Baebela. A re re go balwa Joshua kgaolo ya bone, ditemana tsa bofelo tse tlhano mme Monei o kopilwe go bala.

Jaanong re utlwa Monei a re, ‘Re tlaa bona palo ya rona mo go Joshua kgaolo ya bone, go tswa mo temaneng ya bomasome a mabedi, go ema ka ya bomasome a mabedi le bone.’ Fa Monei a re temana ke ya  bomasome a mabedi, ga a bue sentle. Monei o dira phoso e e dirwang ke Dikgang/Daily News fa e re kereke ele ya Ghanzi ke ya bomasome a mane.

Re dirisa ‘bo’ fa re bala metso e e kwa tlase ga lesome. Fa re tshwara lesome, ‘bo’ yole o a latlhwa mme re re lesome, masome a mabedi, masome a mararo, jalo, jalo fela go ema kwa re emang teng.

Fa godimo fale, Monei o ka bo a rile go balwa mo go Joshua kgaolo ya bone, temana ya masome a mabedi, go ema ka ya masome a mabedi le bone, e seng temana ya bomasome a mabedi. Dikgang/Daily News le yone e ka bo e rile kereke ele ya Ghanzi ke ya masome a mane go agiwa mono, e seng ya bomasome a mane.

A sengwe le sengwe re se bale jalo. A le nako fa re e bolela re re nako ke lesome, kana nako ke ya lesome, e seng ya bolesome.motshwaness@yahoo.com