Blogs

Ga di tshwane

Go lebega fa jaanong ba bantsi ba tla emisa go lela mo ka jaana molao wa go atswa motho fa a senyeditswe ke phologolo o bolelwa o sekasekilwe mme o tsile ka phimolodikeledi e e botoka.

Go begwa fa mafoko a, a ne a rolwa kwa Palapye ke mogolwane mongwe wa lekalana la diphologolo le makgabisa naga. Ka fa go bolelwang ka teng, go tlaa duelwa loruo le dijwalo ka go farologana ga tsone.

Ga twe go tlaa duelwa maugo, merogo le dijwalo tse dingwe jaaka dinawa le lebelebele. Mo masimong go bonala fa ditamati di tsewa e le tsone tse di tlhwatlhwa e kwa godimo mme ka jalo di tlaa duelelwa madi a mantsi go feta merogo yotlhe.

Fa merogo e mengwe jaaka maphutshe le magapu, e tlaa duelelwa P16,500.00, tamati yone e tlaa duelelwa P100,000 ka tema. Pego e tswelela e re, dijwalo tse dingwe tse di lemelwang kgwebo, jaaka dinawa tsa jugo, di tlaa duelelwa P7,000.00, fa lebelebele lone le tlaa duelelwa P1,800.00 tema.

Balemi ba ba botlana, kgotsa ba ba lemelang go jela mo ganong, pego ya re bone ba tlaa nne ba duelwe P4,500.00 fa e le dinawa tsa jugo, kgotsa P700.00 fa e le lebelebele. Tse ke dituelo tse di tlaa duelwang balemi.

Ka fa mhameng  wa loruo gone go utlwala fa poo e tlaa duelelwa  P5,500.0 fa e bolailwe ke tau mme tonki yone e duelelwe P200.00. Ga e ke e nne loruo le dijwalo fela tse di tlaa duelelwang fa di sentswe ke diphologolo; dilo dingwe le tsone di tlaa duelelwa.

Fela jaaka motho, diphologolo di tshwarwa ke lenyora mme di batle go nwa. Nako nngwe e ka re fa di tsena fa di solofelang go bona metsi tsa fitlhela a se yo, mme ka go leka go a ipatlela, tsa felela di sentse. Re a tle re bone mo gae diruiwa jaaka ditonki, di roba dipompo tsa metsi di leka go ipulela.

Jaanong ga twe ka fa mhameng wa metsi, go tlaa duelelwa enjene ya sediba, dipompo, ledibela (raseboa) le tanka ya jojo.

Gore go tlaa duelwa bokae ga go bolelwe mme fela go bonala balemi/barui ba tlaa se ke ba tswe fela. Ba ba ageletseng ka terata le mapako/dikota le bone ba tlaa atswiwa ka sengwe mme ba ba ageletseng ka matlhaku bone ba tswe ba iphotlhere.

 Gone le fa pitsa e ka tsholwa, rotlhe megopo ya re lekana, mongwe le mongwe a bona go itatswa  dinala, bangwe ba a tle ba nne ba lele gore bone ba konyeditswe.

Ga twe fa go begwa ka dituelo tse dintsha tse, ba kgaolo ya Tswapong ba ne ba bua gore bone kwa ga bone ga go na diphologolo tse di tona jaaka tau le tlou.

Ga twe ba ne ba re ba sekasekelwe ka bone ba senyediwa ke phiri , e seng tau le tlou. Gape ba re, phimolodikeledi e ba e bonang ga se ya sepe, ka mo nakong eno, podi e rekwa P700.00 mme fa ba duelelwa podi e jelwe ke phiri, ba newa P450.00 fela, yo e leng madi a potsane. Dikgang/Daily News (Dikgang Mosupologo Mopitlo 10 2014) ya re;

‘Bontsi jwa makhanselara ba ne ba supa gore diphologolo tse di umakwamg tseo ga di yo mo mafelong a bone, ka jalo ba sekasekelwe go duelelwa tse di ba senyetsang jaaka phiri.

Ba re ga ba sa tlhole ba na le dihutshane ka ntlha ya diphiri.’

Gantsi fa go buiwa ka go senngwa ga dijwalo le loruo, ga twe go senya diphologolo. Le Mmualebe a batlang go le latlhela gompieno ke gore, ee, dilo tse tsotlhe ke diphologolo, mme ka Setswana, ga di tshwane.

Ka Setswana, go na le diphologolo tsa naga, le tsa legae.

Diphologolo tsa legae Motswana o di bitsa diruiwa. Se se raya gore, kgomo, podi, nku le tse dingwe fela jalo, ke diruiwa, e seng diphologolo.

Ke sone se re le Batswana re nang le lefoko ‘morui,’ le ‘loruo’ ka jaana Motswana o a rua.  Mo go tsa naga gone go na le diphologolo le dibatana.

Diphologolo ke tse di tlhako e bile di hula bojang jaaka tholo le kgama fa dibatana tsone di le leroo e bile bontsi di e ja nama. Dingwe tsa tse ke tau, phiri le phokoje.

Jaanong fa re bua ka kgaolo ya Tswapong, re tlaa re bao ba senyediwa ke dibatana e seng diphologolo ka jaana bone ba lela ka phiri.

Fa go sentse tlou, nare, tholo e le yone e ratang masimo thata, le tse dingwe diphologolo tse di tlhako, koo gone re tlaa re go senya tsone diphologolo.

A e re re bua ka diphologolo, re di farologanye, re itse gore ka Setswana go na le diruiwa, dibatana, le tse e leng tsone di bidiwang diphologolo tota.

motshwanes@yahoo.com