Blogs

Go tlodisa dinokana di tletse

Ga twe mothusa tona o ne a bua gore, fa lenaneo le le ka tlhoafalelwa, la emelwa ka dinao, le ka thusa go inola Batswana mo lehumeng.

Mothusa tona a se ka a bua lenaneo le bontle fela jwa gore le ka thusa Batswana, mme gape a kaya fa go na le dilo dingwe tse di le emeng pele tse di ka le busetsang kwa morago. Ga twe o ne a re, mo mafelong mangwe, lenaneo la masingwana a merogo ga le a tswelela sentle ka ga go na metsi.

Batho bangwe ba ne ba kgaolelwa metsi ka ba ne ba na le melatsa (melato/dikoloto) mme ya re fa ba simolola go nosetsa merogo, dituelo tsa ba imela, ka jaanong madi a ba neng ba tshwanetse go a duela, a ne a le mantsi thata.

A se ka a felela foo mothusa tona.  A tla ka mafoko a a nametsang a gore ka tota metsi ke one a tlhokwang thata mo tirong e ya go lema merogo, ofisi ya ga tautona, e kopanye le maphata a mangwe a a amegang, e rulaganyetsa gore metsi a boe a gokelwe mme tiro ya masingwana e tswelele.

A nna a tswelela a tla ka tsone mme a supa fa ba lemogile gore tse dingwe dilo tse di gogelang lenaneo la nyeletso lehuma kwa morago ke go tlhaela ga dikoloi le bone badiredi tota.

A nametsa morafe pelo ka gore a re, go tokafatsa seemo, puso e tlaa leka thata go thapa badiredi ba nyeletso lehuma, le go thusa ka dikoloi tse di tlaa lebaganang le lone lenaneo le fela.

 Fa a ntse a tsweletse pele, a ama banalebogole (digole) kgang e le gore ba kwadisiwe kwa dikokelong gore le bone ba tle ba kgone go thusiwa ke puso fela jaaka Motswana mongwe le mongwe.

Godimo ga moo, ga twe mothusa tona o ne a re, tona ya ofisi ya ga tautona o ya go baya Palamente pele molao wa gore a banalebogole le bone ba bone sengwe se ba ka itshetsang ka sone. Go bonala fa mogopolo e le gore puso e thuse banalebogole ka madi a go itshetsa fela jaaka e thusa bagodi le batho bangwe. Ga twe fa mogopolo o o ka atlega, maduo a one a ka simolola go bonwa ka ngwaga wa 2014/15.

Go bolelwa fa e rile ba tswa la bone, merafe ya metse eo ya West Hanahai, East Hanahai le New Xade, ba re mananeo a mangwe a nyeletso lehuma jaaka go dira ditena, go apaya borotho le go roka, a tsweletse sentle e bile le khansele e ba eme nokeng ka e reka dilwana tsa bone fa la merogo lone le boetse kwa morago, sebe sa phiri e gone go tlhoka metsi. Gare ga boitumelo jo, selelo ya nna gore ga ba sole mananeo a banana molemo ka ba bantsi ga ba kgone go tlatsa dipampiri/difomo tsa one. Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, ba kopa mothusa tona go emela kgang e ka dinao ka ba batla gore le bone ba robe sengwe mo go lone.

Dikgang/Daily News (Dikgang Mosupologo 10 2014) e bega ka diphuthego tsa ga Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri ka fa tlase ga tlhogo e e reng, ‘Nyeletso lehuma e ka tlodisa Batswana melatswana.’

Gore go buiwa ka eng go a utlwala mme fela lenatetshapuo la nnete ga le re go tlodisa melatswana. Setswana sa re, ‘Go tlodisa dinokana di tletse.’

Re kile ra nna mo letsatsing le le bogale ra ba ra rata go tlhoboga pula. Jaanong malatsing a, re newa ke pula e ntsi thata, mo e bileng re tlhobaela gore e tlaa senya dijwalo. Dinoka di a ela, matamo le megobe go tletse.

A jaanong re re Naledi o tswa kwa a tswang teng. Fa a ntse a tla le tsela, o fitlhela noka e tletse. Naledi o a emaema, o mo bothateng, ga a itse gore o ka tlola jang, Fa a sale foo, Mmualebe o a tla mme o mo thusa ka leano la go tlola.

Ka go itumela Naledi o ka re ‘Oo, motho ga a ntlodisa dinokana di tletse!’ Go bua jaana o tlaa bo a raya gore Mmualebe o mo thusitse fa a neng a sa solofela teng.

O dule mo bothateng jo a neng a sa itse gore o ka tswa mo go bone jang. Fa re bua ka nyeletso lehuma, lenatetshapuo le le raya gore, lenaneo le le ka thusa batho bangwe, la ba ntsha mo lehumeng, la ba baya mo seemong sengwe se se botoka.

Gore a maduo a nyeletso lehuma a tlaa nna jalo, kana a tlaa nna ka tsela nngwe e sele, ga re itse. Mme fela seo ke se lenateshapuo le se rayang.motshwanes@yahoo.com