Blogs

Go tsholwa eng?

Fa tlase ga setlhare se go agile boora Digwetshana. Nako nngwe go kile ga nna loso koo mme Mmualebe a ya teng go ba tshedisa..

Jaaka gale, tiro e ne ya simolola ka thapelo. Fa tiro e sena go bulwa, ga bidiwa dibui. Motho wa ntlha go bua e ne ya nna mooki go lekodisa morafe gore tota loso lwa ga Rre Dibeseng lo tsile jang; A o lwetse kgotsa ke loso lo lo tsileng fela lo sa solofelwa?  Fa a lwetse o lwetse leng, bolwetse joo jwa mo tsaya lobaka lo lo kae.

Fa a ema, Rre Leruswa Kgabala a bolela fa tota Ditshuga Dibeseng a sa lwala. O boletse fa Ditshuga a ne a na le kgomo e le kgwana e bidiwa Nkadimakobo. A tswelela a re, kgomo e, e ne e le bonolo fela thata mo le ngwana a neng a kgona go e gama. 

Fela ga ba itse gore ka letsatsi leo, kgomo e e ne ya tsenwa ke eng.

A bolela fa Ditshuga e ne e le motho yo o tlhaga, a rata loruo lwa gagwe thata, a sa rate gore letsatsi le ka tlhatloga a ise a ye go ema fa sakeng go bona gore dikgomo tsa gagwe di tsogile jang.

Letsatsi leo, jaaka gale, Ditshuga o ne a tsoga, a ya fa sakeng mme a bona kgomo nngwe e robetse e kete e bokoa.  Fa a atamela kgomo e le, go bona sentle gore e ntse jang, Nkadimakobo ya tlola, ya mo tsaya ka lonaka ya mo latlhela fa fatshe. 

Fa e kete o tlaa tsoga, ya tla gape, ya mo retha ka tlhogo, ya mmaya fa fatshe. 

Batho ba hakgamadiwa ke go utlwa motho a kua kwa sakeng.  Ba tswa kwa lwapeng go ya go bona gore go rileng. Ba fitlhela go befile, motho a le fa fatshe, kgomo e mo eme godimo. A tsewa foo a isiwa kokelong mme ga se ka ga thusa sepe ka o ne a felela mo tseleng.

Leruswa a wetsa ka gore, ‘Lo tsile jalo loso lwa ngwana wa lona betsho. Rotlhe re setse re hakgametse. Ga a lwala, o jelwe ke kgomo ya gagwe mme e rile gone fela foo, setlhodi seo sa lelelwa ke tlhobolo.’   Fa Leruswa a wetsa ga latela Kununu Bokwejane ene e le motsadi.

Ene a bolela fa a bua boemong jwa batsadi ka jaana Ditshuga e ne e le ngwana wa ga monnawe. 

Kununu o ne a bua tsotlhe tse di molemo tse di a tle di nne di buiwe ka motho a tlhokafetse. A digela ka go bolela fa e rile a sa tshedile, Ditshuga a ne a tshola bana ba le batlhano, banna ba le babedi le basadi ba le bararo. 

A ritela mafoko a gagwe ka gore Ditshuga o itlogetse, leina la gagwe le tlaa sala le tshela.  Morago ga ga Kununu ga latela tse dingwe dibui. Fa tiro e fela mo lwapeng, ga duwa, ga iwa mabitleng kwa tiro tota e felelang teng.  Fa go iwa mabitleng, le go boeng koo, Mmualebe a tsamaya a ipotsa ka lefoko lele la go tshola. 

E ne e rile a bua, Leruswa a re, e rile mo botshelong, Ditshuga a tshola bana e le banna le basadi.

One mafoko a, a ne a kwadilwe gape mo thulaganyong ya phitlho fa go buiwa ka botshelo jwa moswi.  Jaanong potso ke eo mmadi gore, go tsholwa eng?  Ee go tsholwa bana. 

A mme bana ba ba tsholwa e le banna le basadi, kgotsa e le basimane le basetsana?  A go ne go tlhamaletse gore Leruswa a re Ditshuga o ne a tshola bana e le banna le basadi?  Mmualebe ene a re go tsholwa bana mme nako eo, fa ba tsholwa, bana bao ga se banna le basadi, ke basimane le basetsana. 

Ka Setswana fa go twe ngwana o tshotswe, potso e nna gore mme ngwana yoo mong; a mosimane kana mosetsana? Go arajwe ka fa e arajwang ka teng.  Potso ga e ka ke ya botsa gore a ngwana yo o tshotsweng ke monna ampo mosadi mme le fa e le karabo ga e ka ke ya araba jalo.

Bana ba tsholwa e le basimane le basetsana, E re go goleng ga bone, e nne makau le makgarebe, ba tloge ba nne banna le basadi. Ga e re fela fa ngwana a tsholwa, gone foo go bo go twe ke monna kgotsa mosadi.

Fa Leruswa a ne a rile Ditshuga o tlogela bana, bangwe e le banna, bangwe e le basadi, o ne a tlaa bo a nepile.

Mme fa a re Ditshuga o ne a  tshola bana e le banna le basadi, foo re bona fa a ne a reletse loleme.  Ka nako e bana bao ba neng ba tsholwa, e ne e se banna le basadi, e ne e le basimane le basetsana.

motshwanes@yahoo.com