Blogs

Eo palo ke efe?

Tebelopele e bolelwa e na le matshego kana dipilara tse e leng tsone puso e gogelang Botswana kwa ngwageng wa 2016 ka tsone.  Lengwe la matshego ao ke le le reng Batswana ba tshwanetse go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e kgathalang; a compassionate and caring nation fa ba tshoma.

Jaanong malatsing ano re bona go bolotse letsholo la go aba dijo, go aba dikobo le go aga matlo, go twe ke gone fa go diragadiwa letshego le.

Ga twe ba ba lesego mo botshelong ba a bo ba thusa bao ba tlhokileng lesego.

Dikgang/Daily News (Dikgang Mosupologo Sedimonthole 30, 2013) e bega fa e ne ya re ka Labotlhano, kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le mararo le bosupa, ga tshwarwa moletlo wa go abela bagolo bangwe kwa Kanye dikobo.

Ga twe dikobo tse di ne di abiwa ke moruti Lesole, wa Kereke ya Pentecostal Holiness Church, e le mpho e e tswang mo go ene le ba lelwapa la gagwe.

Mo ditirong tsotlhe tsa go nna jaana, ga go ke go tlhoka gore go lalediwe mogolo mongwe. Mo go e tiro, go bolelwa fa yo a neng a le koo, e ne e le mothusa kgosi ya Bangwaketse, kgosi Kebapetse Telekelo.

Go utlwala fa kgosi a ne a itumelela tiro e moruti Lesole a e dirileng, a bolela fa e le go supa gore motsadi ga se wa tlholego fela, mme moglo mongwe le mongwe ke motsadi. Kgosi o bolelwa a ne a tswelela ka gore, ka go abela bagolo bao, moruti o supa mowa wa kutlwelobotlhoko e bile o diragatsa nngwe ya dipilra tsa 2016 mme a tswelele a dira jalo.  Ga twe moruti ene o ne a re o aba jaana ka go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

O bile gape a re tiro eo ke go lebogela bagolo bao go bo ba dirile Kanye ledulo le le monate.  Fa e bega ka tiro e ya go dikobo e, Dikagng/Daily News e simolola e re:

‘Mogolokwane o ne o lelela boatleng ka Labotlhano kwa Kanye jaaka Moruti Lesole wa kereke ya Pentecostal Holiness Church le ba lelwapa la gagwe ba ne ba abela bagodi dikobo di le masome mabedi le melora.’ 

Ke eo kgang. Ga twe go abilwe dikobo di le masome mabedi le melora.  Jaanong potso ke gore, eo palo ya masome a mabedi le melora, ke efe?

Mmualebe o botsa jaana ka gore, ka Setswana fa re bala re a re bongwefela/bongwe, bobedi, boraro jalo, jalo go fitlha re tsena kwa go lesome (e seng bolesome). 

Fa re fetela pele, re tlatse lesome ka metso, re re, lesome le motso, (o le mongwefela) lesome le bobedi, lesome le boraro. Go tswelele jalo go fitlhelela re wela kwa go masome a mabedi a e leng gore, fa re ka tswelela ra bala, le one re tla nna re a tlatsa ka metso, Fa go buiwa ka dikobo tsele tse di neng di ajwa, e tlaa re go twe masome a mabaedi le …..re solofele gore masome ao a tlaa wela ka metso. Mme jaanong ke ao a wela ka melora.  Ga twe masome a mabedi le melora. Melora ke palo efe?

Mmualebe o a tle a re, re na le go kwala re sa ele tlhoko gore re ra reng.  E re re kwala re se ke re ipotse gore a yo o tlaa balang se re kwalang o tlaa kgona go bala a sa tsiediwe ke sepe. A ga e ke e re mo tseleng, a tsietsege, a ipotse gore se a se balang sa reng. Ka fa polelo e ntseng ka teng, mo tirong ele, go ne go ajwa dikobo le melora, ampo melora le dikobo. Seo ke se Dikagang/Daily News e ka bong e se buile ka bokhutshwane mme ga e a ka ya batla go felela foo.

E ne ya batla go supa gore go abilwe dikobo di le kae kana go bolela palo ya dikobo tse di abilweng. Jaanong fa e re masome a mabedi le melora, lefoko ‘melora,’ le nna jaaka e kete le tlatsa palo ele, e e reng masome a mabedi.  Se ke sone sekai sa go kwala re latlhelela mo Mmualebe a go buang.

Go tlhamalatsa puo, Dikagng/Daily News e ka bo e ne ya re batho ba ne ba abelwa dikobo le melora fa godimo.

Kgotsa fa e batla go bua ka palo ya dikobo, ya re, go ne ga abiwa melora le dikobo di le masome mabedi, e seng masome a mabedi le melora. Eo palo ya masome a mabedi le melora ga e yo. motshwanes@yahoo.com