A re bue ka go ..pelo

E re bangwe ba bitsa mafoko ao manatetshapuo, ba bangwe ba re ke dikapuo kana dipapisapuo mme go nne go tshwane. E le ka go reng bale ba bitsa mafoko ao, dikapuo, dipapisapuo? E le ka gore mafoko a, a kgabisa puo ka go e bapisa, e seng go e bua e wela, e tlhamalala. E re Motswana a tshwere dijo, boemong jwa gore a re o a ja, a re o tshwara legaba.

E tlaa re gompieno re bue ka manantetshapuo, dipapisapuo, tsa lefoko ‘pelo.’ Nako ele fa re bua ka manatetshapuo a ‘go baya,’ re ne ra re, lengwe la manatetshapuo a go baya pelo. Ra ntsha sekai ra re, go na le Lehupu le Kgabala botlhe e le barui ba dihutshane. Ra re, ka fa sakeng la ga     Lehupu go tletse ka tsa gagwe di tsala bonamagadi thata. Ka fa go Kgabala gone di tsalela molemeng, di tshela botonanyana fela. Ra tswelela ra re, seemo se ga se itumedise Kgabala ka o eletsa loruo lwa gagwe lo ka bo lo tsala manamagadi thata gore a tle a itlhatlose ka go rekisa maroba. Kgang ya gagwe e re, dipholo ga di rekwe thata ka go na le kgang ya gore nama e a lwatsa jaanong batho bngwe ba re ba tshaba go e ja. Go bona Kgabala  a tshwenyegile ka seemo sa lesaka la gagwe, Lehupu  a mo gomotsa ka gore, a beye pelo; a raya gore, Kgabala a se itlhoboge, a solofele gore e tlaa re nako nngwe, a gopolwe, loruo lwa gagwe lo mo tshelele bonamagadi jaaka a batla. Motlha mongwe e re o dirile jalo, o beile pelo, wa leta ka pelotelele, o bone se o neng o ntse o se solofetse. E re o se bonye, o dumele gore e rile Motswana a re, ‘Tsholofelo ya pelo ga e tlhabise ditlhong,’ a bo a bonye, a bua nnete.

Re fetele pele re re, go na le go betwa ke pelo. E le sekai a re re go bosigo. Ka go tshaba serame, Kgabutlwe o fa isong o a ora. Fa a ntse a le foo, o tlelwa ke boroko o batla go ya go robala. O a ema, o ya ka tlung. Fa a tsena ka mojako, kgoro, kgorwana, a re matlho leba, noga ke eo mo godimo ga dikobo tsa gagwe. A tshoga, a ema foo, a sa itse gore ka o tshaba noga thata, o tlaa dira jang; o tlaa thusiwa ke mang, o tlaa ya go lala kae. Dipotso tse, tsa tlhoka dikarabo. A boela morago, a lebaleba, a bona thobane ke eo. Le fa gone a ne a ntse a tshogile, pelo e itaya e bile e kete e tlaa roba dikgopo, a ipolelela gore mo ga gagwe gone o tlaa lala teng. A tsaya thobane e, a boela kwa tlung, a ribola noga mokwatla. Ya phethekga, ya palelwa ke go tsamaya; a felela a e bolaile. E ka re Kgabutlwe a bua ka tiragalo e, a re, le fa ka gale a tshaba noga, bosigo joo, o ne a beta pelo, a ipeta pelo, a bolaya noga eo. Go bua jaana o tlaa bo a raya gore, le fa gone a le boi, a tshaba noga, tsatsi leo boboi joo bo ne jwa mo tlogela, a fetsa mogopolo gore o tshwanetse go bolaya noga eo. Ga nna jalo.  E re a wetsa, a ikopela legofi, a bo a ka nna a re, o ne a e supegetsa gore, ‘Noga ga e tsenelelwe mo mosimeng,’ a raya gore, motho ga a latelwe, a ya go tlhaselwa, go lwantshiwa, mo ga gagwe. Go dira jalo, o ipeletsa loso. Dikgethe a e bontsha sone seo noga ele.

Go sale foo, gape, go nne le go betwa ke pelo. Nako ele, re ne ra bona Dikgethe a adima thipa mo go Purere a ya go bua kwa kgotleng. Fa tiro e wela, boemong jwa go busetsa thipa kwa go mong wa yone, Dikgethe a e ipeela. Purere a tla, a batla gore thipa e mmoele mme ra bona Dikgethe a latola a re, ene o ne a sa adima thipa gope, o ne a  bua ka thipa ya gagwe. Purere o kile a re o bua jaaka a itse Dikgethe a fela a padile ka thipa. Kgang ya felela foo.

Jaanong a re fetole seemo re re, fa Dikgethe a latola, a re o ne a sa adima thipe, o ne a dirisa ya gagwe, Purere o felela a tenega,, a tenwa ke gore Dikgethe ga a bue nnete. O hupetse, o leka go itshwara, go a pala ka o itse gore tota Dikgethe o tshotse thipa ya gagwe. Ka go tenega, o ogola motswaiso, o ratha Dikgethe tlhogo ka one. Go nna maswe, madi a a ela, moriri o nkga segau ka o shele. Botlhe ba ba foo ba hakgametse, ba tshogile, ba ipotsa gore Purere ke motho yo o ntseng jang; o pelo e maswe go le kae. Ya nna tirafalo e e masisi thata. E tlaa re Purere a bodiwa ka tiragalo e, a re o ne a betilwe ke pelo, a raya gore o ne a tenegile ka Dikgethe o mo utswetse thipa. Gone fa, bangwe ba bo ba ka fetela pele ba re, e ne e sa mmeta (pelo) e ne e mo potile ka kwa morago; ke gore, o ne a tenegile thata, thata. A bue jalo Motswana ka go…..pelo.