Health Chat
R. CHINDOMU
S. CHIDZOMBA
k. BHAGAT
L. KALANTLE
| Monday June 23, 2008 00:00
Batho ba ba nang le makoa a pelo, ba beile mo tlhokomelong ya masika a bone, mme go le gantsi baoki ba, ga ba ke ba bona bogakolodi jo bo tseneletseng mabapi le tiro e, ka go tsewa gore bone ba siame.
Fa motho a na le bokoa jwa pelo, botshelo e ka nna kgwetlho e tona mo go ene le ba losika, ebile ke seemo se se tshosang gape se le bokete mo maikutlong a botlhe.
Mangwe a makoa a ke a:
1. Setlhabi se se tseneletseng sa mafatlha (Angina)
2. Bolwetse jwa tshoganetso jwa pelo (heart attack)
3. Malwetse a ditshika tsa pelo (coronary heart diseases)
4. Bolwetse jwa go koafala/feila ga pelo (heart failure)
5. Bolwetse jwa lesire le le dikologileng pelo (pericarditis)
Mooki o ka dira eng go tlhaloganya/itse ka bolwetse:
1. Se se botlhokwa ke go tlhalosediwa ke ba bongaka ka bolwetse jwa pelo jo bo rurafaditsweng (diagnosis)
2. Tlhaloso ya gore bolwetse bo amile pelo jang le gore go raya eng
3. Tlhalaso ya ditlhatlhobo tsotlhe tse di dirwang le gore di supile eng, ebile di raya eng Jaaka:
* Go tsewa ga madi (blood tests)
* Go dirwa ga seipone se se supang ka fa pelo e dirang ka teng (echocardiogram)
* Go bona ka fa motlakase o o laolang go itaa ga pelo o dirang ka teng (electrocardiogram ECG)
* Go bona ka fa pelo e dirang ka teng fa e bewa fa tlase ga kgatelelo (stress tests), le tse dingwe jalo jalo.
4. Tlhaloso ya kalafi nngwe le nngwe e e fiwang molwetse, jaaka dipilisi
l Di nowa/tsewa jang
l Di dira eng
l Ditlamorago tsa tsone ke eng
Se se ka thusa mooki gore ko lapeng a rotloetse molwetse go nwa dipilisi tsa gagwe sentle.
5. Tlhaloso ya gore molwetse a apeelwe dijo tse di ntseng jang, le gore ke eng gotwe a seka a ja dijo dingwe tse a di tlwaetseng.
6. Tlhaloso ya gore molwetse a itshidile jang le mosola wa go dira jalo.
Dilo tse tsotlhe di ka thusa mooki go tlhaloganya botlhokwa jwa go rotloetsa molwetse go sala ditaelo tsa ngaka morago, ebile go fa mooki sebaka sa go ruta botlhe ba lelwapa ka makoa a pelo.
Mooki o ka nna moko o thata ka a itse ditlamorago tsa bokoa jo jwa pelo, mme le ene le ba losika ba kope thuso ya go sidilwa maikutlo fa sekepe se nwela.