Wire o tla Notwane matshediso

Mokatisi Kaelo
Mokatisi Kaelo

Morago ga go fologela tlase ga setlhopha sa Notwane le go sa direng sentle ga sone mo liking ya ntlha ya setlhaba ya Debswana, go lebega jaanong go goroga ga mokatisi wa pele wa Security Systems, Rolling Boys le Modipane United, Kaelo Wire Kaelo go tla Notwane matshidiso ka jaanong e simolotse go itatswa ka diphenyo le yone, mo jaanong go utlwalang megolokwane le melodi kwa kampeng ya setlhopha.

Erile setlhopha sa Notwane se fologa mo liking e kgolwane ya be MOBILE ngwaga e e fetileng, bangwe ba bolela gore e tla a feta e letsa moretlwa go utlwala mo ditlhopheng tse e di fitlhelang mo liking e e kwa tlase ya Debswana, mme e boele gape kwa e neng e tswa teng.

Mafoko a, a ganediwa ke bangwe gape ka bone ba ne ba bolela gore Notwane e tshwanetse go itse fa e ya go kopana le lerwa le fuduga mo liking e, ka ba dumela fa e le thata go gaisa e kgolwane ya be MOBILE.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up