Tona Makgato o butse lebentlele kwa Malaka

Lemororo letsatsi la Matlhatso ele la diphitlho le manyalo mo pakeng eno ya ngwaga mme bangwe banni ba motsana wa Malaka ba ne ba sa ipona tsapa, go ya go bula lebentlele la R7 mo motseng wa bone bosheng.

Godimo ga banni ba Malaka gone gole baeng gotswa mo metseng ee gaufi le bangwe balalediwa ba tlotla ba akaretsa mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami/Tona ya botsogo Mme Dorcus Makgato.

Moletlo o ne wa simolola bosele ka ntlha ya tiegonyana mo kgorogong ya ga tona.Le fa gontse jalo di lo di ne tsa tsamaya ka thelelo ka le lone lenaneo le ne le se motsopodia.Morago ga pina ya sechaba le thapelo,mothusa-molaodi Rre Keabetswe Lesiela one a bega baeng ba tlotla. Moemedi wa kgosi ya motse Rre Gabaitumele  Otukile ene o ne a amogela baeng.Kgabagare Mme Pinny Morupise mogwebi wa lebentlele leo la R7 General-Dealer & Butchery,  yo ebileng ele molemi-morui yoo itshetletseng kwa Malaka one a ema kokoano eo ka lefoko.O boletse gore gone gose motlhofo go simolola kgwebo ya gagwe mme are o kgonne ka thata ya modimo,dithuso le dikgakololo go bangwe.O kgotlhaditse bagwebi ba ba simololang bogolo jang bomme gore ba nne pelotelele fa ba simolola dikgwebo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up