Thabo o jelwe ke boferefere
Wednesday, September 23, 2015
Letebele, yo eleng mmereki wa kompone ya phepafatso e e bidiwang Cleaning Wizards kwa moepong wa Karowe mo Boteti, o ne a ntse disanyana jalo bosheng fa pele ga ga Kgosi Tikologo Supang wa kgotlakgolo ya Letlhakane mo tshekong e e neng e tsamaisiwa ke Constable Mogomotsi Pompi wa sepodisi sa Botswana. O ne a lebisitswe molato wa go itshwara makgwakgwa kgatlhanong le temana ya bo 1:6 ya phenalekhouti mo melaong ya Botswana.
Mosekisiwa o ne a lebisitswe molato wa go tshosetsa ka thipa mosetsana mongwe ebong Kedifentse Makwapa, yo a neng a ratana nae ka bogotswana ba tsietsa mmaagwe ngwana wa gagwe. Gatwe tiragalo eo ya monna a tshosetsa moratiwa yo a tsietsang mmaagwe ngwana wa gagwe le ene e diragetse mo kgweding eno e tlhola lesome le bone. Mosekisiwa o ne a ipona molato ka bofefo mme lekgotla le lone la mmona molato fela jalo.
The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...