Ramosesane o kopa mapodise

No Image

Motse wa Oodi mo kgaolong ya Kgatleng fela jaaka e mengwe ya lefatshe leno o aperwe ke borukutlhi le bogodu jo bo kwa godimo, mo banni le baeng ba tshelang fela ka selelo se se botlhoko sa go thukuthiwa dithoto tsa bone le go golafadiwa ke dikebekwa tse di diphatsa letsatsi le letsatsi.

Se jaanong se gwetlhile mokhanselara wa kgaolwana ya botlhophi ya Oodi, Batlhalefeng Ramosesane, go ema ka dinao go batla tharabololo, mme a setse a kwaletse Ramapodise wa Broadhurst go kopa thuso e e botoka.

Mokhanselara Ramosesane o boboletse Naledi mo puisanyong fa batlhophi ba gagwe ba tshelela mo letshogong ka ntlha ya borukutlhi jo bo apesitseng kgaolwana e ya gagwe ya botlhophi, e a reng e bulegile thata go tsena kwa Kgalapitse. A re Oodi o setse a le motona thata mo a ka bong a setse a agetswe diofisi tsa sepodise tse di nang le mapodise a le mantsi, bogolo jang ka tota Oodi a dirisanya le Matebele mo go tsa itshireletso, gammogo le dipalo tsa batho, eleng seo a bonang go tlhokega gore mapodise a okediwe gore a kgone go itepatepanya le borukutlhi jo.

Editor's Comment
Bravo, Matlala JSS for recognising employees!

Last Friday, Matlala Junior Secondary School (JSS) in Tlokweng did just that – they organised an event to honour their teachers and support staff. This gesture is truly commendable, as teachers occupy a pivotal role in the lives of our children.To be completely candid, teachers are the ones who shape our children from a very tender age, investing a significant amount of time in their growth and development. It's not uncommon to hear parents...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up