O atlholetswe go fitlhelwa ka motokwane

Motokwane Pic - Edward Pekenene
Motokwane Pic - Edward Pekenene

LETLHAKANAE: E rile ka Mosupologo wa beke eno, Norman Nkarabang wa dingwaga tse di masome mane le borataro (46) wa kgotla ya Nkosho kwa Letlhakane, o ne a falola kgolegelo ka bobi jwa segokgo morago ga gore lekgotla la Setswana la koo le mo atlhole makgolo a mabedi le masome a mane a dipula (P240.00) morago ga go mmona molato wa go fitlhelwa ka motokwane, kana motsoko o motona, kana tsoi jaaka o tlwaelesegile go bidiwa mo kgaolong e.

Ka fa mabaka a tsheko a  begilweng ka teng fa pele ga ga Kgosi Tikologo Supang, mosekisiwa o ne a welwa ke seru sa go fitlhelwa ka setlhatshana se go neng go belaesega fa e ne e le motokwane, kgwedi ya Motsheganong e tlhola masome a le mabedi le borobabongwe monongwaga.

Bosekise, boeteletswe pele ke  Constable Tlhaga Tlhaga wa sepodisi sa Botswana go tswa kampeng ya Letlhakane, bo tlhalositse jalo gore ka letsatsi la tiragalo e, mosekisiwa o ne a emisiwa a bo a phuruphutshwa ke mapodisi kwa kgorong ya matlhatlhobelo matlhoko a leruo ya Daewoo.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up