Mpote o kwala ditso e le Motswana
Wednesday, May 24, 2017
Se jaanong go lebega monongwaga se padile ka mokatisi wa Motswana, Mogomotsi Teenage Mpote, a thusitse setlhopha sa gagwe sa Township Rollers go gapa bosimega jwa liki.
Mpote o fenya liki jaana morago ga go tsaya setlhopha mo mokatising wa monna wa motswakwa wa kwa Ennyelane, Mark Harrison, yo o neng a tlogela setlhopha sa Rollers liki ya monongwaga e ntse e tsweletse, a tabogetse mafulo a matalana kwa Aferika Borwa.E rile fa botsamaisi jwa Mapalastina bo bolela fa bo neela mokatisi Mpote marapo a go kgweetsa sekepe sa Mapalastina go ya pele le liki ya BTC, bangwe ba ba neng ba sa dumele mo go ene gotlhelele, ba simolola go dumaduma, ba ngongorega. Ba re, Mpote ga a ka ke a kgona go isa setlhopha sa bone gope fela kwa go botoka, fa e se fela go tloga ba lelediwa moretlwa o o botlhoko ke ditlhopha tse dingwe, motshameko mongwe le mongwe.Mabaka a bangwe ba ba neng ba sa amogele khiro ya ga Mpote e ne e le gore ga go na jaaka a ka kgona ditlhopha tse di katisiwang ke bakatisi ba batswakwa, jaaka Mike Dubula Dubula Sithole, le Madinda Ndlovu, ba go dumelwang gore ba na le bokgoni le maitemogelo a a kwa godimo a go gaisa bakatisi ba tshwana le boMpote.
The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...