Maburu a kile a tlhasela � Kgaolo 2

Moswi Kgosikgolo Linchwe II
Moswi Kgosikgolo Linchwe II

Cedric Ntloane Bapela e ne e se ene fela motshabi mo Botswana yo botshelo jwa gagwe boneng bole mo diphatseng. O ne a tshela ka go fetola matilelo mme ka dinako dingwe a iphitlhele ale mo diatleng tsa Batswana ba ba kutlwelo botlhoko.

Matilelo a, mangwe e ne ele a Batswana, mme morago a fetoge mafelo a matlhotlhapelo, ka maburu a ne a dira ditlhaselo kwa go o ne. Batshabi le Batswana bangwe ba ne ba amega, dipalo tsa dintsho tsa ngomola ba le bantsi dipelo. Mafatshe a le mantsi ba kgala ditlhaselo tse di dirilweng ke maburu.

Pele ga di tlhaselo tsa mo Botswana ka 1985, masole a Aferika Borwa a ne dira ditlhaselo kwa Maseru, Lesotho ka 1983. Ba bolaya batho bale masome a mane (40), mme ga tloga ga nna le matshosetsi a gore lefatshe leno le ka nna la tlhaselwa. Bangwe ba ne ba seka ba tsaya tsia matshosetsi ao, ka e bile monna mongwe a ne a re, “Botswana ke mmamoratwa wa lefatshe ka bophara. Ga ke bone fa maAferika Borwa ba ka tlhasela lefatshe leo”.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up