In a loud voice � Salang

No Image

Baopedi ba mmino wa sekeresete ba tla a tshwanelwa ke go dira botoka go gaisa jaaka ba ntse ba dira ka jaanong go gorogile lekgarebe le lengwe le le bogale go tswa kwa motseng wa Oodi, kgotla e le ya Kgakangwe, Elizabeth Salang Motsamai ka alebamo e e monate a e bitsa fela a re ‘In a Loud Voice’.

Alebamo e ya ga Salang kgotsa Elizabeth jaaka a dirisa leina le mo go yone e na le dipina di robabobedi, tse tsotlhe di tlhamilweng le go kwadiwa ke ene ka sebele, ka a bolela fa a tswa kgakala le mmino o wa tumelo ya sekeresete.

Dipina tse di simolola fela ka yone ya setlhogo sa alebamo, In a Loud Voice e mo yone Elizabeth a bolelang ka fa Morena Jesu a filweng taolo ka teng le gone  tota ka fa a neng a swa ka teng. Lekgarebe le le bolela fa e tswa mo lokwalong la ga moitshepi Daniel mo Baebeleng. Ke pina e e tshotseng molaetsa o montsi thata ebile e ka sokolola mongwe le mongwe yo o e reetsang.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up