Bomme ba Mopipi ba nyoretswe ESP

No Image

MOPIPI: Bomme ba motse wa Mopipi le mafelo a a mo tikologong kwa kgaolong potlana ya Boteti, ba gwetlhilwe gore ba eme ka dinao ba tlhagafalele go dirisa lenaneo la puso la morudisa itsholelo (ESP) le le tla simololang mo ngwageng o o tlang.

Kgwetlho eo e ntshitswe ke kgosi ya kgotla yoora Mothowakgari kwa motseng wa Mopipi, Mme Pelotshwaana Maboane, fa a ne a buisana le Naledi mo potsolosong ka Laboraro. Naledi e ne e jetse nala kwa motseng oo ka mabaka a go lekola gore bomme ba tshela jang koo, e bile ba itse go le kae ka lenaneo le la ESP. Lenaneo le le le boloditswe ke Tautona Lt. Gen. Dr. Seretse Khama Ian Khama bosheng, ka nako ya fa a bega tekodiso ya seemo sa lefatshe leno.

Kgosi Maboane a re lenaneo leo le tla ka nako e e lebanyeng mme go mo maruding a bomme ba Mopipi gore ba ititeye ka thupana gore lenaneo le tle le ba tswele mosola boemong jwa go itswela fela ba iphotlhere.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up