Bolibolo e ngoka tatedi

No Image

Dingwaga tsele tse metshameko mengwe jaaka volleyball e neng e tshamekiwa fela go sena babogedi go lebega di nyeletse ka jaanong mabala a nna fela a tletse ka barati le balatedi ba go tla go ja monate wa metshameko, jaaka erile ka Sontaga batshameki ba volleyball ba bo ba itumelela kemonokeng e ntsi go tswa mo babogeding.

Babogedi ba, ba ne ba tshologetse metshameko ya makgaolakgang a ditlhopha tsa volleyball tsa banna le basadi tse di neng di lwela dijana le madi a a tshwarang P20,000 setlhopha sengwe le sengwe go tswa mo komponeng ya dikoloi ya Capital Motors, e e leng yone barotloetsi bagolo ba kgaisanyo e.

Fela jaaka kwa motshamekong o o kileng wa bo o ratega thata wa kgwele ya dinao, ka letsatsi leo kwa makgaolakgannyeng a Capital Motors, go ne go itumedisa go bona manno a babogedi, ba tota eleng barati le balatedi ba motshameko wa volleyball a tletse ebile a penologa.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up