Ba bokaa le Morwa ba lwela molelwane

Motswana o kile a botsa gore tota motho o batlang mo melelwaneng ya masimo a sena tshima a tloga a felela a buile se eseng boammaaruri kgotsa ba tlhaselwa ke beng ba masimo ao fa ba le mo ntweng, se jaanong se rurifala sentle kwa Kgatleng kwa Bakaa le Bakgatla ba Morwa ba kgaphela bangwe ntle mo kgannyeng ya bone ya go lwela melelwane.

Mo jaanong ba setseng ba ganetsa le Kgosi Segale Linchwe fa a re o romilwe ke Tautona wa lefatshe la Botswana Lt General Ian Khama go utlwa mathata a bobedi jo le go rarabolola kgang e ya bone.

Morago ga go gana go tsena phuthego ya beke tse pedi tse di fetileng ga ba Morwa e e neng e biditswe ke Kgosi Segale , erile beke e e fetileng ga kopanwa kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi kwa Kgosi Segale a neng a tshwanetse go reetsa dilo le dingongora tsa Bakgatla ba ga Morwa. Phuthego e gape e ne e tsenwe ke Kgosi ya Bokaa Kgosi Sue Mosinyi le bagolo ba Bakaa, fa go tswa kwa ga Morwa go ne go eteletse Kgosi Masisi Ntshole, yo le ene a neng a patilwe ke bagolo ba motse wa gagwe.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up