A re go ja eng? (3)

E tlaa a re le gompieno re nne re tswelele re bue ka lenatetshapuo la, papisapuo ya, kana sekapuo sa, go ja…. Go fetela pele re re, e tlaa re Motswana a ntse a tsweletse a natetsha puo, a bapisa puo, kana, a dirisa sekapuo a re go na le go ja ka molelo.

Mme a raya eng? A raya go fisa, kana, go tshuba selo. Gone fa, a re tseye se ba reng Mokotedi o ne a se dira e le sekai. Ba re Mokotedi o ne a dira dilo fela jaaka a ne a utlwa go buiwa. Ga twe tsatsi lengwe ntlo ke eo, e le gaufi le ga Mma Mokotedi ya a sha. A re re ntlo eo, e ne e le ya ga Mma Thitokgolo.

O ka bona ntlo ya ga Mma Thitokgolo e e sha, ya ga mmaagwe yone e sa she? Ba re, a se ka a tlhola a re ka moso Mokotedi. A tsaya molelo a tshuba ya ga mmaagwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up