A eo e tlogelwe

E ne ya re re ntse re selasela, ra kopana le Dikgang (Daily News) Lwetse 14 2020 mme moo ra bona polelo e e supang ka fa Tona ya Lephata la Itshireletso Molao le Thokgamo , Rre Kagiso Mmusi, a neng a araba ka teng potso nngwe e e (e seng ee) neng e boditswe kwa palamenteng. 

Go ya ka polelo Tona Mmusi o ne a supa fa badiri ba sesole ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, kana, ka go golafalela mo tirong, go ntse go tsweletse ba thusiwa go ya bongakeng. Fa e tswelela e supa gore mafoko a a fa godio ale a ne a buiwa ke mang, polelo ya re, ‘Se se botsweletswe ke Tona wa Itshireletso Molao le Thokgamo Rre Kagiso Mmusi fa a araba potso kwa palamenteng ka Labone.’ Fa e tswelela e supa ka fa e reng Tona Mmusi o ne a supa ka teng dipalo le maemo a masole a a tlogetseng tiro, polelo ya re; ‘…..o boletse fa ba le lesome le bobedi e le ba maemo a magolwane fa ba lekgolo le masome a matlhano le bobedi ele ba maemo a private go ya kwa go warrant officer 1.’ E nne e tswelele polelo mme fa tlase fale fa e bua ka fa e reng Tona Mmusi o ne a supa ka teng dipalo tsa ba ba tlogetseng tiro polelo ya re, A re masole a le ….. ba ntshitswe mo tirong ke mabaka a amanang le tiro kana dikgobalo tsa teng di kekeditswe ke tiro.’ E nne e gogele pele mme fa tlase fale, fa e supa gore Tona Mmusi o ne a araba potso e tswa kae, polelo ya re, ‘…..o ne a araba potso ya mopalamente wa Gaborone Bonnington South…..yo o neng a kopa gore tona go tlhalosetsa palamente palo ya masole a a tlogetseng tiro ka mabaka a botsogo go tswa 2010 go fitlhelela 2020 le gore a ba ne ba seka sekwa.

E ne ya nna ya tsamaya jalo polelo ele. Jaanong ke nako ya gore re utlwe gore wena mo go tse re neng ra nna ra di nopola tsele, o bona eng? A o bona phoso nngwe, kana, diphoso dingwe golo gongwe? Fa o re o tsentse leitlho mme ga o bone epe phoso, kgotsa, dipe diphoso, re re, a ke gone gore a mabedi fela mme ga a bonele gongwe? Re bua jaana ka gore rona re bona diphoso tse dintsi. Mme fa o re golo gongwe o bonye phoso, re re, ke efe eo, ke eng e le phoso? Go sale foo, fa o ka re ga o a bona phoso, o bonye diphoso re nne re re, ke dife tseo, ke eng e le diphoso? Mme tse tsotlhe di bo di ka baakanngwa jang? La rona e nne gore, ga re itse gore o tlaa araba jang, mme rona re bonye di[phoso tse dintsi. Potso e re, e le dife tseo? Go araba re re, a re boele kwa morago kwa re di tseye jaaka di tla di latelana. Mme re re, temana ele ya ntlha, e na le lefoko botsweletswe. Ga twe,’Se se botsweletswe ke…..’ Fa, phoso ke eng? Go araba re re, re setse re kile ra supa gore fela jaaka letlhaka la sika loo mabele le na le dinoko tse ka Sekgowa ba reng ke nodes. Mme le fa ba ruta ba re, mafoko le one a na le dinoko. Tse tsone ka Sekgowa di bidiwe syllables. Nako ele re ne ra ntsha sekai ra re lefoko ‘thukhwi le dinoko pedi e le thu khwi fa marota lone le le dinoko tharo e le ma ro ta. Jaanong gompieno phoso ka lefoko botsweletswe ke gore noko e nngwe ya lone, e leng tswe, e boeletswe, ya kwalwa gabedi go ne go sa tshwanela go nna jalo. Go baakanya phoso e, ntsha tswe yo o fa go bo. Lefoko leo, le tlaa felela e le boletswe. Le ntse jalo, e nne lone lefoko la nnete. Fa go ntse go tla, phoso e nngwe e nne lefoko ‘ele.’ Ga twe ‘…..ele ba maemo a …..’ Gangwe le gape re supa gore lefoko ‘ele’ ke lesupi (demonstrative) mme fa le sa supe sepe jaaka re bona jaana, le bo le sa dirisiwa sentle. Re nne re re, fa Tselapedi a re, ‘Dialapisa ke ele’ o bua ka yone a e supa e le kwa e seng gaufi fa. Phoso e nngwe gape e nne fa polelo e re’…..ka mabaka a amanang le tiro kana …..’ Phoso fa ke gore a yo mongwe o tlogetswe. Polelo e tshwanetse gore e re ‘…..mabaka a a amanang le tiro…..’ Go ntse go tsweletse, phoso gape e nne fa go twe ‘…..a kopa gore tona go tlhalosetsa palamente palo ya masole a a…..’Fa, gore a dirisiwa go ne go sa tshwanela. Phoso ya nna yone eo. Mme re wele re re, a noko eo, tswe, e se boelelwe. Go kwala sentle a polelo e re, se se boletswe ke….. e seng ‘Se se botsweletswe ke …..’ Ka maemo a e se re,’…..ele ba maemo a private.....’ mme e re,…..e le ba maemo a…..’ Ka mabaka polelo e se re’…..mabaka a amanang le tiro kana dikgobalo tsa teng …..’ mme e re mabaka a a amanang le tiro kana dikgobalo tsa teng…..Gape, ka go tlhalosa, a polelo e se re,’…..a kopa tona gore tlhalosetsa palamente palo…..’ mme e re. …..a kopa tona go tlhalosetsa palamente palo ya masole a a tlogetseng tiro ka mabaka a botsogo….. Go tsamaile jalo, Motswana a re, tsotlhe di apere tshiamo. A raya gore, ga go ope molato, ga go epe phoso, gope.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up