Ga se pipe nko

E ne ya re morago ga nako ele ra bowa ra okomela Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 3 2020 mme ra kopana le polelo e nngwe gape foo. 

Eo, e supa fa mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre David Tshere, a kile a tshwara phuthego le baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabollolo tsa motse le makhanselara a kgaolo. Go ya ka polelo, gone koo, mopalamente a kopa makhanselara le baduladitilo ba dikomiti tsone tsa ditlhabololo tsa motse, go netefatsa gore morafe o obamela melawana ya botsogo ya go lwantsha go anama ga segajaja sa COVID-19. Gompieno ga re ke re kgaole temana e e tlaa latelang jaaka re a tle re nne re dire ka tse dingwe. Go na le go nopola fale le fale mo go yone, re tlaa e tsaya yotlhe fela e le ka ntata ya se re se bonang mo go yone. Fa e supa ka fa e reng Rre Tshere o ne a kopa baeteledipele ka teng go kgothatsa morafe go tlhagafalela go lwantsha go anama ga segajaja sa COVID -19 polelo ya re; ‘…..a kopa baeteledipele go ruta banni gi itlhokomela le go ipabalela ka ele gone fela mo ba ka go dirang go thibela go tsenwa ke mogare a ba kopa gape go gatelela molaetswa wa ba botsogo wa gore batho ba apare dipipanko le molomo, ba seka ba kokoana mo go ka bakang mosuke gape ba tlhape diatla kgapetsakgapetsa ka metsi aa phepa le molora.’ Polelo e tswele pele mme fa tlase fale, fa e bua ka fa e reng mopalamente o ne a supa ka teng gore batho ba tshwanetse go itshwara, itshola, jang ya re, ‘A re nako e tsile ya gore batho ba itse gore ba tshwanetse ba itshole ka tsela e ntseng jang …..e seng go tshidisetsa ba bangwe mo letshogong.’ Go fetela pele re re, tlhoma temana ele ya ntlha kwa godimo kwa matlho mme re utlwa gore wena mo go yone o bona eng. A o bona go le phoso nngwe, kana, diphoso dingw?. Fa o re ga o bone epe phoso, kana ga go dipe diphoso, ke eng o rialo? Mme fa o re go nngwe phoso, ke efe eo, ke eng e le phoso? Gape fa o re ga go phoso e le nngwe, ke diphoso tse dintsi ke dife tseo, ke eng e le diphoso, mme tse tsotlhe di bo di ka baakangwa jang? Rona re re, kwa godimo kwa, re bona temana ele ya ntlha e rwele, e le diphoso dintsi. Gongwe go utlwa se, o hakgamale, o botse gore ke dife tseo? Go go araba re re, a re di tseye ka go latelana ga tsone jaaka re di bona. Gone fa re re, phoso ya ntlha ke lefoko ‘ele’ fa polelo e re’…..ka ele gone fela mo ba ka go dirang go thibela…..’ Fa phoso ke gore go tshwaragantswe ‘e’ le ‘le’ a dirwa lefoko ‘ele’ le gangwe le gape re reng ke lesupi. E bo e le phoso ka gore foo, polelo ga e supe sepe. Go se ke go tshwane le fa Ntlhapedi a raya Tselapedi a re, ‘Puotsabone ke ele e a bo e tlhagile. Kgomo ele, e rata go tlhaga thata. Fa Ntlhapedi a re,’…..ke ele…..’ o bua ka kgomo a e supa e le kwa, fale, kgakala le bone. Jalo go bo go siame. Phoso e nngwe e nne lefoko ‘dipipa’ fa go twe batho ba apare dipipanko le molomo. Fa re re, selo seo ga se pipe, se a bipa, se a khurumetsa, jalo, he e nne sebipanko le molomo. Fa di le dintsi e nne dibipanko e seng dipipanko. Godimo ga tsele, phoso gape e nne fa polelo e re’…..ka metsi aa phepa…..’ Fa, phoso ke ‘aa’ mme re nne re re, e le phoso ya go tshwaraganya mafoko a sa tshwanela go nna jalo. Lefoko aa le bo le sa dirisiwa sentle ka le supa kgakgamalo mme fa, ga go hakgamalelwe sepe. Go supa kgakgamalo a re re Pupudu ke yoo o tsogetse kwa ga Tsotsojane. Ba tlhola mmogo go jewa dikgang, dijo le tsone di le foo. Ga nna monate ka e ne e le dikgwedi ditsala di sa bonane. Fa le setse le sokologa o raya Tsotsojane a re, ‘Letsatsi le ile jaanong ke batla go gopola bana.’ Fa a mo araba Tsotsojane a re, ‘Ee, le ile le nna ke batla go ema fa go Seopana fale ka mo dumedisa.’ Ga nna jalo. A tswa, a tsena fa go Seopana a bo a bile a bowa. Fa a tsena o fitlhela Pupudu a sale foo e bile a thulametse. Go bona se, o a hakgamala a re,’Aa, o fa o rile le ile o gopola bana?’ Tsotsojane o a phadimoga a re,’Ijoo, ka welwa ke boroko; molato eng ga ke itse.’ Fa, o bone gore lefoko ‘aa’ le dirisitswe sentle ka Pupudu o hakgamalela go bo Tsotsojane e le yoo a ise a tsamaye e bile a robetse. Gape, phoso e nne ‘…tshidisetsa …..’ Fa, go latlhilwe e yo o latelang h mme a emisediwa ka ‘i.’ Ga dirwa fela jaaka bontsi bo tlwaetse go bua mme go bo go sa tlhamalala. Go 

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up