A le se tseye maemo a legokedi

Gompieno re utlwa gore e rile ka kgwedi eno ya Phalane, mopalamente wa Moshupa, Rre Karabo Gare, e bile e le Tona ya Lephata la Temothuo le Tlhomamiso Dijo, a tshwara phuthego kwa Goo Kodisa.

Motse o, o fa gare ga Thamaga le Moshupa mme ke bontlha bongwe jwa kgaolo ya ga mopalamente Gare. Gape, o bolelwa fa ka ntlha eo e le one molelwane wa Bakwena le Bangwaketse.

Re utlwa gore gone kwa phuthegong eo, Rre Gare o ne a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba newe sebaka sa go tsenya lebogo mo go tlhatloseng itsholelo ya bone. Ga twe mopalamente o ne a supa fa Batswana ba ka kgona go thusa go tlhatlosa itsholelo fela sebe sa phiri e le gore badirela puso bangwe ga ba ba fe sebaka sa go dira jalo. Gone fa, a rotloetsa gore a Batswana ba neelwe ditiro. Go sale foo, go kaiwa fa Rre Gare a ne a supa fa gape e le maikaelelo a puso gore go nne le molao o o (e seng oo) tlaa tlamang gore Batswana ba fiwe sebaka sa go tokafatsa itsholelo ya bone. A go nne jalo. Tsema le thata ka mong.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up