Gompieno a mararo

Go utlwala gore e ne ya re kgwedi eno e simologa, khampane ya metsi (Water Utilities Corporation) kwa Lobatse, ya abela motse wa Digawana dipale tsa ditshipi ka di onetse, ga e sa tlhole e di dirisa.

Go kaiwa fa motse o, o se na meriti ya maemelo a dipalamo tsa setshaba mme e re letsatsi le lela, kgotsa, go le pula, batho ba tlhoke kwa ba tshabelang teng. Seemo se ntse jaana, go se ke go itumedise. Go ya ka polelo ele, go ne ga abiwa dipale di le masome matlhano mme go sa ntse go tlaa abiwa tse dingwe gape di le masome mararo. Re utlwa gore, go abiwa ga dipale tse, e ne e le go thusa morafe go aga meruti, meriti, ya maemelo a dipalamo tsa setshaba.  E, e nne tiro e ntle.

Polelo ele, e e reng motse wa Digawana o ne wa abelwa dipale ke WUC, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Lwetse 8 2020-

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up