A lefoko leo le katoge

Go ntse go bonala e kete kgwedi ya Hirikgong ke kgwedi ya mapalamente go tshwara diphuthego tsa kgotla mo dikgaolong tsa one, e le mapalamente, tsa bone, e le batho, ka go farologana.

Re setse re fetile ka dipolelo dingwe tse di neng di kaya fa e ne ya re ka yone kgwedi e, ka dingwaga tsele, mapalamente mangwe a tshwara diphuthego tsa go nna jalo.  

Gompieno re ne ra kopana le polelo nngwe ke eo, e bolela fa e rile ka yone kgwedi ya Hirikgong, ngwaga ono, mopalamente wa Nkange, Rre Never Tshabang, a tshwara phuthego ya go nna jalo kwa Goshwe le Magapatona kwa Tutume. Go bonala fa phuthego e, e ne e le phuthego ya ntlha ya ga Rre Tshabang mo kgaolong ya gagwe mme mosepele e ne e le go ya go lekola kgaolo le go itsanye le morafe wa yone, kana, batlhophi ba gagwe. Gape, a ne a batla go tsaya dikopo dingwe tse morafe o ka neng o ne o na le tsone, a di fetisetsa pele; a di isa palamenteng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up