E nngwe e tlhageletse

Gompieno re utlwa gore, e ne ya re ka kgwedi ele ya Hirikgong, kgwedi ya lehiri le aga, ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Makaleng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi.

Ga twe, gone koo, mopalamente a rotloetsa Batswana gore tse tsotlhe ba di beele fale, ba eteletse pele lorato, therisanyo, le tshwaragano. Re iteele mafoko a kobo moroko re re, a go nne jalo Batswana ba goge mmogo, ba sa goge motsokwe, ba dira mmogo ka lorato le kutlwano gore fatshe leno le gatele pele. Gape re re, a tsotlhe di goge ka go tshwana, di tiise. A e se re tsa pele di gagamatsa, tsa morago tsa repisa. Kana ya re tsa morago di tiisa, tsa pele tsa repisa mosepele wa tloga wa pala.

Motswana o a tle a re, batho ke go tshwarisanya tsela; a raya go thusanya, go dira mmogo. Jalo he, re utlwa gore gone kwa phutegong ele, gape ga bo go ne go le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) wa Makaleng, Rre Ndawa Nkoshwane mme ene a ngongorega gore ga go na tshwaragano le tirisanyo mmogo fa gare ga boeteledipele jwa motse, komiti ya ditlhabololo le morafe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up