Wena o le bona jang?

Motswana a re, ‘Motswaiso o tuka  ka go kgotlediwa,’ Go bua yaana o raya gore fa motho a dira tiro nngwe mme go bonala go se na tema, ke gore go bonala tiro eo e sa tswelele sentle, ka tsela nngwe o tshwanetse go kgothadiwa gore tiro ya gagwe e tle e tswelele pele. Mme e seng yoo fela. Le ene yo tiro ya gagwe e bonalang e tsweletse sentle, o tshwanetse go kgothadiwa gore a gatele pele a se felele fela fa a setseng a le teng.

Jaanong re itse gore fatshe leno ke la temo thuo; la balemi-barui. Ka ga di sise ka go tshwana, bangwe balemi-barui ba gatele pele, ba tswelele sentle, ba bangwe bone ba salele morago. Go bona go ntse jaana, go nne le megopolo e e farologanyeng ya go leka go thusa balemi-barui go emela tiro ya bone ka dinao ba e dira ba tiisitse. Motswaiso o kgotediwe gore o tuke thata molele o nne bogale. Motswaiso e le eng? E le balemi-barui. Molelo one e le eng? Seo, e le tiro ya bone ya temo thuo. Mme re bona motswaiso oo, o kgotediwa jang?

Go tlhatlosa balemi-barui, Lephata la Temothuo le ne la tla ka mogopolo wa go gasa dithulaganyo tse di farologanyeng tsa temo-thuo ka Seromamowa (RB1). Ga tla Pitso ya Balemi, Molemi Ithute le Thibang Diphatlha, kana, diphotlha jaaka bangwe ba bua. Dithulaganyo tse di tla ka malatsi a a farologanyeng mme maikaelelo a tsone tsotlhe ke go ruta balemi-barui le go ba fa maele ka tsa temo thuo. Mme go se ke go felele fa. Se, e nne mmilana fela wa go bula tsela ya go fetela pele.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up