Ga se le le rumilweng

Go a tle go nne go buiwe gore lefatshe leno ke la morero. Go twe go bua jaana go raya gore dilo di tshwanetse go buisanngwa, go rerwa, le ba bangwe pele ga di ka dirwa. 

Kgang e re, boemong jwa go itsese ba bangwe fela gore o tlaa nna le tiro, motho yoo o tshwanetse go bitsa batho bao, a ba bolelela se e leng mogopolo wa gagwe, kana, maikaelelo a gagwe gore le bone ba tle ba ntshe megopolo ya bone ka tiro eo.

Go nne jalo, batho ba bidiwe, go buisanngwe, go neelanwe megopolo le dikakanyo ka go farologana mme batho ba felele ba dumalana. Go buisanya le go neelana megopolo le dikakanyo mo, e nne one morero, go twe batho ba ne ba rera. Fa ba felela ba dumalana ka tiro eo, gore e dirwe leng, e dirwe jang, e direlwe kae, go se bape ba ba neng ba gogela go sele, go twe, morero o tsamaile sentle.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up