A mafoko ao, a elwe tlhoko

Ba a tle ba re maropeng go a boelwa. A e re le fa a rona marope a se magologolo mo go kalo, re a boele re bue ka polelo ele, e mo go yone re neng ra utlwa fa e rile kgwedi ele, barui ba Ghanzi ba rolelwa lenaneo la Kgomokhumo semmuso ke Ramapodisi Rre Keabetswe  Makgophe.

Re setse re itse gore, lenaneo le, le tlhomilwe e le tsela nngwe ya go lwantsha bogodu jwa loruo ka bo setse bo aname le lefatshe leno lotlhe mme gongwe bo ka tloga jwa tlogela barui bangwe ba iphotlhere jwa ba jwa koafatsa le yone itsholelo ya lefatshe tota. Re ne ra utlwa gore e rile a bua ka lenaneo le, Rre Makgophe a bolela fa Kgomokhumo e nonofile, e bile tiro ya yone e setse e bonala mo mafelong a e mo go one. Gongwe mongwe yo e leng la ntlha a utlwa ka lenaneo le, o ka botsa gore, mme yone Khumokhumo e dira tiro ya yone jang.

Jaaka bontsi bo setse bo itse, Kgomokhumo e tsamaya e okomela maraka e batla go itse gore a dikgomo tsotlhe tse di moo, ke gore tsa lesaka le ka nako eo Kgomokhumo e leng fa go lone, a ke tsa mong wa lesaka leo. A re re lesaka ke la ga Direpe mme go fitlhelwa ka boammaaruri dikgomo tsotlhe e le tsa gagwe. Foo, ga go nne epe kgang, go siama fela, mme e fetele pele Kgomokhumo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up