A re nne re bue ka go baya..

E tlaa re go tswela pele re re, morago ga dikgwedi ba ntse ba ile, basimane ba bowa ba bonwa kwa ga Mma Ditshenyegelo. Fa ba tsena, jaaka gale, ba fetela ka kwa mahuri ba feta ba nna fa tlase ga setlhare sa bone. Ba e bitsa emetshane, ya tla.

Ba isa ganong, ba utlwa gore o dirile fela jaaka gale Mma Ditshe ga a fapoga gope. Memetso ya bulega, ba tlhwaafala basimane sa nna sa tla ka molomo. Fa se ntse se tla jalo, ga ngotlega. Ba tlhobaela, ba ipotsa gore, le sa ntse le le leleele jaana ba tlaa dira jang. A bo a se kgakala Monwedi. A ba raya a re, go na le sengwe o se beile golo gongwe mme o ka taboga a ya go se tsaya. Basimane ba botsa gore selo seo ke eng, se fa kae, A araba ka gore, le fa e se ga sepe, ke madi o a tlogetse kwa ga gagwe mme fa ba mo letla, o ka taboga a ya go a tsaya. Kgang ya nna monate, basimane ba itumela, ba mo rebola gore a a latele. A tswa ka kgoro Monwedi.

Gone mme a bowa? O sale jaaka a ile. Bale ba leba tsela ba bo ba lapa. Fa ba bona a sa bowe, ba ipotsa gore molato ke eng, o tshwerwe eng. Ba se tlhoka mme ba belaela gore, e rile a se na go bona madi ale, a tsaya e sele tsela, a leba ga Segaolane. Letsatsi lone le le kae? Le sa mo emela, le ntse le tsamaya. Fa ba bona gore le setse le ile, ba itlhoboga. Botlhe ba felela ba re, jaaka leina la gagwe, o nwetse Monwedi ga a na go bowa. Ba kgaogana ka ditsela, mongwe le mongwe a leba ga gagwe, pelo di se monate.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up