Gompieno monwana o feteletse

Go ya ka polelo nngwe e re e bonyeng, e ne ya re go le Matlhatso, kgwedi ya Tlhakole e le masome mabedi le boraro, monongwaga, lekalana la basadi (Women’s Wing) la Botswana Congress Party (BCP) la tshwara phuthego kgolo ya lone kwa Selebi Phikwe.

Go utlwala gore, gone koo, ga bo go le Dr Phophi Ramathuba ene e le wa African National Congress (ANC)kwa Afrika Borwa. Jaaka go tle go nne go direge fa mogolo a laleditswe tiro, a seka a tla fela a iphotlhere Dr Ramathuba. A nna le mafoko mangwe a a neng a kgothatsa basadi bale ba BCP ka one, le go ba tiisa moko.

Polelo e kaya gore lefoko legolo la ga Dr Ramathuba, e ne ya nna gore basadi ba tshwanetse go emana nokeng gore ba kgone go bona maemo mo lekgotleng (phathi) la bone le gone kwa palamenteng tota. Re dumela gore ba le bantsi ba ka bona mafoko a, e le a botlhokwa, a boammaaruri. Gantsi re tle re utlwe go twe, banna ba tswelela pele, ba kgona dilo tse dintsi, ka ba emana nokeng, ba a thusanya. Go ntshiwe sekai go twe, fa monna a batla go nna mokhanselara, mopalamente, o tlaa itsise ba bangwe, a itile mo go bone gore ba mo eme nokeng ka tsela efe fela e mongwe le mongwe wa bone a ka e kgonang, mme go nne jalo. Ba eme nae, ba mo thuse , a fenye, a bone maemo ao. Fa go buiwa ka basadi gone, e nne kgang e sele. Go twe, e tlaa re mosadi yo mongwe, jaaka monna yole, a batla maemo mangwe, ba bangwe ba tle ka dipotso tsa gore, ke mang ene yoo, o kile a dira eng, kgotsa, o ka dira eng. Se, e le go mo nyatsa, go mo tlhobosa, mme bangwe ruri ba felele ba sa tswela gope; ba sale ba tlhobositswe pina e thaya.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up