A go ntse jalo?

Gantsi fa o tsena ka motse mongwe fela mono Botswana, o kgatlhantshiwa ke mafoko a a reng, ‘Se gasagase matlakala.’ Se, e a bo e le molaetsa kgotsa kgakololo gore, a matlakala a tlhokomelwe, a bewe sentle, e seng go latlhelwa gongwe le gongwe, mme a felela e ntse e le matlakala, e le leswe.

Le fa go ntse jalo, go bonala mo go bangwe, molaetsa o, o sa tsene ka re bona matlakala e le ao a ntse a latlhelwa fela gongwe le gongwe. Fa go nna jaana, e felele e ntse e le matlakala, e le leswe, pharologanyo e nne fela gore, a dule fa a neng a le teng pele, a latlhelwa golo gongwe go sele. Mme ka ke matlakala, a nne a tlatse tikologo leswe, a e kgotlele. Seemo se, se nne se tshwenye ka leswe ga se selo se sentle, ga le ratege, e bile le ka re tlela ka malwetse a a maswe thata.

Bongwe jwa malwetse a, bo bolelwa e le malaria. Ga twe bolwetse jo, bo anamisiwa ke monang (montsana) ka o rata leswe, mme bogolo jang fa go leng metsi teng. Ka one mabaka a, kgang e nne yone ele. Go twe, a re eme ka dinao, re tlose matlakala fa tlase ga rona ka ditsela tse e leng tsone, e seng ka go a gasagasa.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up