A re se metse mafoko

E tlaa re gompieno re dire jaaka Motswana a bua, mmila re late wa maloba; ke gore, re ikgate motlhala. Go dira jalo, re tlaa boa re bue ka polelo ele, e e buang ka dikgwebo tsa mananeo a nyeletso lehuma mo kgaolong ya Kweneng.

Polelo e kaya gore, nako nngwe, go ne ga bolodiwa letsholo la go lekola dikgwebo tsa mananeo a, gone kwa Kweneng. O botse gore, gone go lekola mo, ke eng? Go lekola mo, e ne e le go bona gore, ka batho ba thusitswe ka mananeo ao, ba batla go dira dikgwebo, a tsone dikgwebo tseo, di teng, di a tshela. Gape, fa di le teng, di tsweletse jang. A di tsweletse sentle, di itshetletse, kana, golo gongwe di a reketla.

Pele ga re ka utlwa gore lone letsholo lele, le ne la bona jang, a re utlwe gore, one madi a mananeo a, a bontsi bo kae. Go ya ka yone polelo ele, ka ngwaga wa madi wa 2018/19, kgaolo ya Kweneng e ne ya fiwa P13 million mme ga dirisiwa sephatlo sa one madi a, fa sephatlo se sengwe se sa ntse se le foo, se ise se dirisiwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up