Go lebetswe lefe?

Jaaka re itse, go na le mananeo a a farologanyeng a ka one, puso e lekang go tlhatlosa Batswana kgotsa go tokafatsa matshelo a bone. Ka mananeo a, bangwe ba fiwa loruo, bangwe dipeo ba bo ba lemelwe kwa ntle ga tuelo epe.

Banana bone, ka lenaneo la (YDF) Younth Development Fund, ba thusiwe go bula dikgwebo. E re go se na go dirwa jaana, bangwe ba tlhagafale, ba tiise, ba tlhokomele . Fa e le morui, a tlhokomele loruo lwa gagwe, lo hule, lo nwe sentle, a thibele (kentele) malwetse. Ka lo thwerwe sentle, loruo lo, lo itumele, lo none, lo tsale, lo ate.  E re ka motho o tlhagafetse, o a itirela, a robe sengwe, go nne monate. Fa e le molemi, le ene fela jalo, botshelo bo tswele pele, bo tokafale.

Ka ntlha e nngwe, bangwe bone e re ba se na go thusiwa ka tse ba neng ba di kopile, motho a hulare, a lebale gore o tshwanetse go ema ka dinao, a tlhokomela. Fa e le loruo, ka lo latlheletswe, lo ye le naga, go je dibatana; kana boemong jwa go kokotletsa, go tlhabiwe, go jewe. Dijwalo kwa masimo le tsone fela jalo. Go tlogelwe go jewe ke mhero, dinonyane le tse dingwe. Motho a lebale gore jaanong ke nako ya gore o tshwanetse go ema ka dinao, a huhula, a tle a bone mohuhutso wa phatla, e re ka moso a ipolelele, a bo a bolele puso ka sengwe. Go nna jaana, botshelo bo eme fela golo go le gongwefela. O lebe, o bone gore, seemo se, se a tshwenya ka dilo ga di tsamaye sentle.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up