A re se lebale

Batswana ka go farologana ba a tle ba lele ka gore metse ya bone e saletse kwa morago, ga e na ditlhabololo. Bangwe ba re, metse e mengwe e tshwana le motse mongwe, o baopedi bangwe ba reng ke Jerusalema yo mosha, e a benya, e phatsima dinaledi, fa wa bone one o le lefifi.

Ba a bo ba raya gore, metse eo, e na le motlakase, fa mo ga bone gone motlakase o se yo.  Ba bangwe ba re, ba tshela ka go kolobetsa kgokgotsho ka mathe; ke gore, motse wa bone ga o na metsi, ba bolawa ke lenyora. Bangwe ba re mo ga bone ga go na ditsela, mo go leng teng, ke mebilana fela. Bangwe fale ba re ga ba na dikole, bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare. E re puso e araba e re, tse tsotlhe ke ka gore, ga go na madi, kana, mo go leng teng ga go ka ke ga kgona go dira dilo tsotlhe nako e le nngwe. Go twe, batho ba se itlhoboge, ba nne ba solofetse gore, nako nngwe, sengwe se tlaa dirwa. Batho ba lete, mme bangwe ba felele ba letile lefifi. Ba bangwe go se ke go nne jalo, bone e re morago ba bone sengwe.

Gompieno re utlwa fa kwa Serinane, mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, go agiwa madirelo a molora, se, e le tsela nngwe ya go tlhabolola motse oo, le kgaolo e o mo go yone. Re utlwa gore, e rile ngogola mopalamente wa kgaolo ya Lephepe-Letlhakeng, a tshwere phuthego kwa Serinane, gone kwa madirelo a agiwang teng, molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng a bolela fa madirelo ao, e le mangwe a madirelo a matona mo motseng oo, le mo go yone kgaolo, e bile e le one a mohuta oo fela lefatshe leno lotlhe. Mme fela, go bonala madirelo a, a ne a se ka a agiwa, a felela nako e le nngwefela. Ga twe kwa phuthegong eo ya mopalamente, morafe o ne wa lela ka gore, ka nako eo, madirelo a ne a se na motlakase, a se na metsi. Go bolelwa gore, e rile go araba selelo se, molaodi wa kgaolo a bolela fa metsi le motlakase di ne di le gaufi le go goroga ka go ne go setse go kopanywe le ba lephata le le lebanyeng gore tseo di tle di bonale.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up