Ga se go kgwa mathe

Ba a tle ba re, ga re a abelwa ka go tshwana. Fa o ntse o lebile, o bone fa se e le nnete. E re bangwe ba abetswe go bopa dinkgwana, bangwe ba abelwe go loga disigo, ditlatlana/diroto, le ditshelo.

Bangwe ba abelwe go thula ditshipi, ba bangwe go betla ka logong ba dira dintshwana, megopo, dikgamelo, metshe le dikika. Bangwe bone ba sege matlalo, ba dire diphate, dikobo, mpheetshane, le tse dingwe diaparo. Go nne go fetele pele, bangwe ba abelwe go sega letsela ba roka mesese, marokgwe le tse dingwe fela jalo.

Gompieno re utlwa fa Mme Monyatsi, kwa Maun, e le mosegi wa popota. Ga twe o bolela fa tiro e, a e rutilwe ke batsadi ba gagwe mme le ene a e fetisa, a e ruta bana ba gagwe. Mme a sega, kana, a roka eng? Ga twe, o sega kapari ya sekole, manyalo, le meletlo ka go farologana, a bo a roke le diaparo tsa mariga.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up