Ga se go atla

Mahulo re ntse re mo go a gale, mme re kopana le kgang e e reng, e ne ya re ka kgwedi ya Lwetse 2018, ga tshwarwa thuto puisanyo ya baruatonki kwa Molepolole. Ga twe thuto puisanyo e, e ne ya tshwarwa morago ga gore go bonwe tiragalo nngwe e e maswe thata kwa Francistown.

Tiragalo e, e ne le eng? Polelo ya re, go ne go fitlhetswe ditonki golo gongwe, di ne di tshwerwe ka tsela e e seng yone. Go bolelwa fa ka palo, ditonki tseo, di ne di le makgolo matlhano mme tsotlhe di sule; dingwe di ne di bolailwe ka tsela nngwe e e bolelwang e ne e le setlhogo. Ga twe tse, go ne go ya go rekisiwa matlalo a tsone. Tse dingwe tsone, go utlwala fa di ne di sule fela, e le tlala le lenyora. Go fitlhela loruo lo gailegile jaana, ka palo e e kalo, tota go ka hutsafatsa.

 Fa ditonki tse di ne di ka kgaoganngwa ka maraka, moraka mongwe le mongwe wa nna masome matlhano, go ne go tlaa tswa maraka a le kae foo? Mme fa maraka ao, a boa a gailega jaaka re utlwa go ne ga direga jaana, beng ba one ba sale ka eng? Go nne thata. Gongwe dingwe di ne di ruetswe go golega di lema, di ya go ga metsi, gongwe go rwala dikgong jaaka re a tle re bone. Mme fa di ile jalo, botshelo bo pitlagane.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up