Bangwe ba ka botsa gore Borwa ke mang

Motswana a re, 'Go gola go tlhogola, go bona dimpe (tse di maswe) ga go fele.' Go bua jaana o raya gore, ga se gore fa motho a gola, dingwaga di ntse di oketsega, o tlogela (dimpe) tse di maswe, kana mathata a botshelo, kwa morago.

Nnyaa, tseo ga di sale gope. Fa motho a ntse a ya koo, a gola, di gole nae, mme e bile gongwe, di nne maswe thata. Mo go bangwe ditlhabi tsa mmele di gole, di oketsege; bangwe itsholelo e tlhofofale, ba bangwe ba opisiwe ditlhogo ke bana ka go tsamaya ditsela tse e seng tsone. 

E re go direga jalo, botshelo bo se ke bo nne monate, mme ke gone re utlwe Motswana a bua jaaka a bua jaana.Le fa go ntse jalo, e re re lebile ka ntlha e nngwe, bangwe ba bo ba ka re go gola go monate. E re dilo di ntse jaaka Motswana a ne a di bona jaana, go gola go bo go ka dirwa monate ke eng?

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up