O bonye efe phoso?

Go utlwala gore, e ne ya re ka Phukwi monongwaga, ga tlhongwa kgosi kwa Mathathane mme kwa tirong eo, ga bo go le Kgosi Masego Olebile wa Palapye, a emetse Kgosi Sediegeng Kgamane. Ga re itse gore mabaka e ne e le eng go bo Kgosi Kgamane a ne a se yo koo.

Fela re ka tsaya gore, ka tsela nngwe, o ne a tshwaregile, mme ka Setswana sa re, ‘Maoto a nong ke phofa,’ a roma Kgosi  Olebile go mo tswa dinao. Tiro yone ya tsamaya jang? Pego e re e bonyeng ga e bolele sepe se se kalo.

Go bonala fela gore tiro e ne ya tsamaya sentle, ga se ka ga nna sepe selabe kana sefatlhi mo go yone. Mafoko otlhe a a neng a buiwa, ya nna a a monate, a go tiisa yo a neng a tlhongwa moko.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up