Ga se 'Dikoko ga di ke...'

Go utlwala fa lekgotla le, le engwe ke dilo dingwe pele. Ga twe sengwe sa dilo tse ke gore, komiti ya lone e tlhaelelwa ke maloko. Go bonala fa komiti e, e kile ya bo e na le maloko a a tletseng kana a a lekanyeng mme ka mabaka mangwe, maloko mangwe a tlogela tiro. Ga twe, ka palo, maloko a, a ne a le marataro.

Go ya ka pego, fa bao ba tsamaya, ga bo go le bangwe ba ba neng ba beilwe leitlho go ka tla go thiba phatlha ele. Ga se ka ga nna jalo. Bale ba ba neng ba solofetswe go ka tsena foo, ba se ka ba supa epe kgatlhego ya go dira jalo. Sa tlhaela sepane. Mme e ka re se tlhaetse, tsa goga jang? Di goga bokete, mosepele o nne bonya, gongwe le go goroga, koloi e se ke e goroge kwa e go yang; go tlholwe kgotsa go lalwe nageng. Mme le gale, fa sepane se tlhaela, mme o di kgweetsa o di neneketsa, di a ne di ema di e kgwa mowa, mosepele o a tle o felele o wela, di goroge kwa gae. Jaanong, a re solofele gore, le ya Bathoen !! Trust koloi, e tlaa nna e totobe mme golo gongwe e fitlhe teng.

Kwa ntle ga gore komiti ya lekgotla e tlhaelelwa ke maloko, ga twe lekgotla le lone, ga le na madi. Re tlaa tsaya gore, a ke madi a ka one, lekgotla le batlang go dira ditiro dingwe tsa lone, tsa go tlhabolola motse wa Kanye. Motswana a re, ‘Nkgodi go lelalwa yo o tshotseng.’ Gape a re, ‘Tsele (letsele/lebele) la podi go thetsiwa le sisitseng.’ Go bua jaana, Motswana o raya gore, motho o kopa thuso kwa a solofelang a ka e bona teng. Jalo he, re utlwa go twe, e rile go bona le tlhaela, lekgotla la kopa madi mo go boradikompone mme la se ka la bona sepe; la tla le iphotlhere. Jaanong, le se na madi, leka tswelela pele jang? Go nna thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up