Magodi le basadi ba bararo

Bangwe ba letso ba Bazezuru mo kerekeng
Bangwe ba letso ba Bazezuru mo kerekeng

Go gatisiwa ga dikgang tsa nyalo ya lefufa bosheng ke lekwalodikgang le, go bakile maikutlo a a farologanyeng, ka jalo Naledi e tswelela ka go gatisa dipolelo tse dingwe, maikaelelo a se ele go gwetlha maikutlo a babadi ba bangwe ba Naledi.

Ya phatsimela kwa kgaolwaneng ya White city mo Gaborone, mme teng ya fitlhela Nthoiwa Magodi, monnamogolo wa dingwaga tse di masome a a robang bongwe (92).  A bo a itlhobogile ka mogote, letsatsi le lone le phunyeletsa setlhare sa moriti wa sone.

Magodi, yo o tlholegang kwa kgotlaneng ya Madisakwane kwa Tonota, o boletse fa e rile a le kwa moepong ya Aferika Borwa a iponela kgarebe e bidiwa, Mmantorika Jobe mme ba inyadisa ntle le seabe sa batsadi ba ga Magodi mono Botswana. Ba nyalane ka ngwaga wa 1949 mme ba tshola bana ba le lesome (10), mo dingwageng tse di latelanang ka go farologana.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up