CEDA, eseng kwa Tsabong

Tona Vincent Seretse kwa Palamenteng ya lefatshe leno
Tona Vincent Seretse kwa Palamenteng ya lefatshe leno

Se ya bo ele karabo e tlhalosa fa lekalana la dithuso tsa madi a go gweba la Citizen Entrepreneurial Development Authority (CEDA), le tla seke le tlhome ofisi kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa mo bogaufing.

Karabo e, ene e rolwa ke Tona ya Lephata la Kgwebo, Papadi le Madirelo Vincent Seretse bosheng kwa Ntlong ya Dikgosi. Seretse o ne a bolelela Marara gore, go tswalwa ga ofisi ya CEDA kwa Tsabong go ne ga bakwa ke go re lekalana lene le leka go fokotsa ditirelo tse dingwe tsa lone ka maikaelelo a go tokafatsa maduo le ditlamelo tsa lone.

Ofisi ya CEDA kwa Tsabong e ne ya tswalwa ka ngwaga wa 2010, mme boemong jwa yone, monongwaga, ga bulwa e nngwe kwa Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone. Ofisi eo, e thusa ka ditlamelo mafelo a Macheng a Lehututu, Tshane, Lokgwabe, Kang le mafelo a mangwe a a mabapi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up