Go ritela, bana ba a beolwa

No Image

Maloba re ne ra bua ka segwetshana ra re, segwetshana ke kalafi e e dirwang go lebatsa bana bohutsana. Re boletse fa segwetshana se dirwa ka bogobe mme bogobe jo, bo apewa ka tsela e e faphegileng, ka bo tsenngwa melemo (ditlhare) ya Setswana.

Ra tswelela ra re, fa bo jewa, ga bo tsholwe, go jelwa mo potwaneng e e neng e apeile, bana ba a ja ka go rulagana ga bone. Go je yo motona pele, a salwe morago ke bomonnawe. Fa go na le wa mosimane, le fa a le monnye mo go ba basetsana, go twe o tshwanetse go ja pele ga bana botlhe ka ke ene rraabo. Bogobe jo, jaaka re boletse, ga e re bo setse, bo jewe; bo a latlhiwa. Gape, bogogo jwa bone ga bo jewe, go jewa bone bogobe fela. Gongwe sengwe gape se re ka se supang ke gore, go jewa ka loswana lo le longwefela fela, bana ba botlhe ba lo fapaanela..

Kgang ya rona e ne ya wela e re, Batswana ba re, segwetshana se gata bohutsana. Ga twe, se dira gore, bana ba itlhoboge, ba lebale motsadi wa bone yo o ileng, jaaka Batswana ba bua ka motho a tlhokafetse. Go twe, fa ba sa se ja, ba tlaa nna ba mo gopotse, mme bohutsana bo age mo pelong tsa bone, ba nne fela ba tlhoname, kgotsa ba utlwile botlhoko. E se ke e nne seemo se se monate. Mongwe o ka botsa gore, a mme go felele fela ka go ja segwetshana? Karabo ke gore nnyaa.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up