Lepotlapotla ke eng?

Go a tle go twe noga e ikgata motlhala. Jaanong a re etse noga re ikgate motlhala re re, e rile maloba ra kopana le pego e e neng e bua ka mosadi mongwe wa mogwebi. Re ne ra utlwa fa mosadi yo, a tlholega kwa Mahalapye mme a direla kwa Francistown.

Re ne ra re, tiro e a e dirang ke e bangwe ba ka e hakgamalelang ka ga re a tlwaela go bona e dirwa ke basadi.  Gantsi fa re ntse re tsamaya mo, re bona banna e le bone ba e emetseng ka diano, ba e dira.Tiro e, ke eng? Ga twe mosadi yo o butse sekole sa go ruta batho go kgweetsa dikoloi. O ba bonye ba le kae basadi ba ba dirang tiro e?

Gongwe ba teng mme re dumela gore batho ba bantsi ga ba ise ba ke ba ba bone. Mogwebi yo wa Francistown ga twe a re o simolotse tiro e ka 1997 mme le gompieno o ntse o tshwere, o a e dira. Le fa e sa dire sepe se se kalo, go lebega gone mme e kgona go mo nosa metsi ka ke yoo o ntse o mo go yone.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up