Wena o ne o ka feleletsa jang?

Motswana a re, metlhala ya khumo mentsi e tlhoka balalti. O a bo a raya gore, ditsela tsa go itshetsa, kgotsa tsa go batla botshelo, di dintsi, fela ba le bantsi ga ba ke ba di sala morago. Bangwe ga e re fa a lekile sengwe, e re se pala, a leke se sengwe.

Ba bangwe ba leke, mme e re e kete go tlaa nna thata, mogopolo o mo latlhe, o re go padile, mme a itlhoboge. E re ka go nna fela, ba sa leke go itirela sepe, botshelo bo nne thata mme bangwe ba felele ba itlhoboga. Se, go lebega se ne sa se ka sa direga ka mogwebi mongwe kwa Francistown.

Mogwebi yo, go bolelwa fa e le mosadi mme o tlholega kwa Mahalapye. Ga twe e rile go leka botshelo, mosadi yo a bula sekole sa go ithuta go kgweetsa; ke gore, o ruta batho go kgweetsa dikoloi. E, ke tiro e bangwe ba ka hakgamalelang go utlwa go twe e dirwa ke mosadi, ba tsaya gore ga se tiro ya sesadi, ke ya banna fela. Mogwebi yo,  ene ke yoo, o a e dira e ntse e le mosadi, e bile go bonala a e tlhagafaletse. A se, ga se gone go supa gore, metlhala ya khumo  mentsi, le gore, maano a botshelo ga a site?

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up