E kae Green Scorpion?

Gongwe le gongwe fa motho a leng teng, ga go ke go tlhoka matlakala. Ka matlakala ke leswe, ga re a batle fa tlase ga rona. Re batla gore a latlhiwe ka jaana fa a leng teng, ga go ke go lebega go le gontle, ga go jese monate. Godimo ga moo, matlakala a oka dilo tse di anamisang malwetse.

Gantsi fa leswe le leng teng, go tlala dintsi. Dintsi tse, di je se di se jang foo kgotsa di tseye, fa e le gore di tsaya sengwe, mme di tloge di ye go tlala ka matlo a rona, di tlatse leswe foo kana di kotame dijo. Nako nngwe, di tlogele malwetse foo. Morago batho ba lwale malwetse a gongwe ba ka bong ba sa a lwala fa e ne e se go nna gaufi le leswe. Go thibela malwetse, le go somarela tikologo, ga twe, a re se nne le matlakala; a re a ole, re a latlhe.

Molao o eletsa gore lelwapa lengwe le lengwe, le one madirelo tota, le nne le tanka ya matlakala. E re tanka e, e tletse, mong wa yone a e tseye, a ye go e tshololela kwa lehuting la matlakala. Kgotsa fa a dirile thulaganyo le khansele, koloi  ya khansele e tle go rwala leswe leo, e ye go tshela kwa lehuting la matlakala.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up