BoKgabo le ipeleditse Matsetse ka bomo

Setlhopha sa Kgatleng sa Mochudi Centre Chiefs se itsege thata ka go tshabelelwa ke dihawa tse gangwe le gape di se tlogelang se le mo mathateng a se kana ka sepe, mo ka ngwaga mongwe se neng sa felela se fologetse kwa liking ya ntlha ya setshaba.

Se mme e le ka mabaka fela a banna le basadi bangwe ba ba tletseng tshenyo mo dipelong tsa bone, se go lebegang se boetse gape mo setlhopha se tshwaraganeng le bothata bo se kana ka sepe.

Barati le balatedi ba setlhopha se, ba setse fela ba lebile ka matlho go bona jaaka batho bangwe ba Bakgatla kwa Mochudi ba boloditse letsoholo le le mashetla la go tshwenya le go kgoreletsa bangwe ba ba ntseng ba thusa setlhopha sa ka sengwe le sengwe, go akaretsa le one madi tota.Go ne ga utlwisa botlhoko thata go bona fela batho ba ba ikana ba bo ba itoma sekgono gore ba tsile go lwa ka gotlhe go tsaya setlhopha se mo bathong ba ba ntseng ba se thusa ka ba re ke setlhopha sa balatedi.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up