Lwantshang borukutlhi mo kgaolong � Motlhatlhedi

Mokhanselara wa kgaolwaya botlhophi ya Raserura kwa Mochudi Bophirima David Motlhatlhedi a re, banni ba kgaolwana e ba tshwanetse go tshwaragana le go ema ka dinao go lwantsha borukutlhi jo bo ba diragalelang.

Motlhatlhedi o boletse se mo diphuthegong tsa kgotla go ralala kgaolwana ya gagwe. A re kgaolo yotlhe ya Kgatleng e tlhorontshiwa thata ke dirukutlhi ka go farologana ga tsone, eleng seo mongwe le mongwe a tshwanetseng go tlhomamisa fa a nna le seabe mo go bo lwantsheng. O boletse gore fa ba sa eme ka dinao mo kgaolong ya gagwe, ba tlaa felela ba phuthile mabogo ka ntlha ya go go utswelwa dithoto mo malwapeng le dikgwebo.

Fela jaaka dikgaolo tse dingwe tsa Kgatleng di tlhorontshiwa ke dirukutlhi, bogolo jang mo malwapeng, Motlhatlhedi a re le kgaolwana ya gagwe e ka fa mosing, eleng seo go leng kaone gore banni ba itebaganye le bone ka mabetwaepelo go bo lwantsha ka dinako tsotlhe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up