Magodu a tlhakaladitse kwa Tlokweng

No Image

Bogodu jwa megala ya letheka le go thubiwa ga dikoloi bo ile magoletsa kwa kgaolong ya Tlokweng, seemo se mapodisi a kgaolo e, ba bolelang fa se bifela pele. Mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Robson Maleka o boleletse Naledi gore, seemo se ga se ba jese diwelang, ebile se tshidisetsa baagi ba kgaolo e, mo letshogong.

Maleka a re, ditiragalo tse di farologanyeng tsa borukhutlhi, di diragala ka dinako tsa bosigogare le makuku a meso. O boletse fa dipego tse ba di amogelang, e abo ele tsa go kgothoswa ga batho megala ya letheka tota le dikgwama.

E re go ntse jalo, Maleka a re ba tlhotlhomisa ditiragalo dile lesome tsa go utswiwa ga megala ya letheka. A re ditiragalo tse di begetswe mapodisi go simolola ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boferabongwe, a bolela fa ne ele ka mafelo a beke eo, le letsatsi la boitapoloso la babereki, go fitlha ka letsatsi la laboraro a le boraro.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up