Williams o gwetlha banana

RADISELE: Monnasetilo wa Khansele ya Legare, Peter Williams o gwetlhile banana ba lefatshe leno go emisa go ikaega thata ka puso go ba tlhamela mebereko.

Williams o buile se mo phuthegong ya Kgotla kwa Radisele bosheng, a supa fa banana ba abetswe ka dikitso le bokgoni ka go farologana mme ba sa di diragatse. A re puso le yone e diragatsa maikaelelo a yone a go tlhabolola lefatshe leno mme malatsi a no ditogamano tsa yone di itebagantse thata le banana mme se sa reye gore ba nne kwa ga mothakga. 

“Sebe sa phiri ke gore ga le tseye mananeo a puso ka tlhwaafalo mme kana ke o ne a ka le thusang go itshetsa le go tlhamela ba lekane ba lona ditiro ka o ne,” Williams a gakolola jalo. Williams a re go swabisa nko go feta molomo go bona banana ba tsweletse ka go lwela diphatlha tsa lenaneo la Ipelegeng ntswa gona le a mangwe a ba ka simololang dikgwebo ka o ne.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up